Breaking News

Kgosi o kgala botlhoka tsebe

03 Mar 2019

Kgosi Ghani Moses wa kgotla ya Kagiso kwa Selebi Phikwe o kgadile botlhoka tsebe jwa bana ba kgaolo ya gagwe.

Kgosi Moses o ne a buisa phuthego ya kgotla bosheng e maikaelelo magolo a yone e neng e le go rerisana le batsadi ka fa ba ka thusanang ka teng go bepisa seemo, ba itebagantse le go tlhoka tsebe ga bana, tiriso ya nnotagi, kgokgontsho mo malwapeng le tse dingwe.

O supile fa batsadi bangwe, bogolo jang banana ba tshola bana ba bo ba ba tlogela le basadibagolo ba dithata tsa bone di setseng di fedile go ka tlhokomela bana.

A re bana ba busediwe kwa batsading ba bone ka a tshwentswe thata ke ditsheko tsa bagodi ba ba yang kwa kgotleng ba ngongorela go phuaganngwa ga bana ke batsadi ba bone.

Kgosi Moses a re batsadi ba boele kwa ngwaong ya Setswana ya kgodiso ya ngwana ka e ne e le motlhofo, ngwana a tshwaraganelwa ke bomalome, rakgadi le ba bangwe.

O kopile batsadi go bua le masika fa ngwana a tlhokile tsebe go na le go isiwa kwa kgotleng ka o a bo a santse a le kwa tlase ka dingwaga. 

A re kgotla e ka seka ya aga ngwana.

A re malwapa a go tshelwang ka dikomano le go kubetsana ga batsadi mo go one a na le seabe mo go tlhakatlhakanyeng ditlhaloganyo le matshelo a bana, mme a kopa batsadi go ikgapha mo go direng dilo tse di maswe mo matlhong a bone.

Mo go tse dingwe, Kgosi Moses o ne a supa fa komiti ya ditlhabololo e tshwanetse go nna tlhaga mo ditirong tsa yone ka e le yone lentswe le leitlho la morafe, mme a kopa tirisano mmogo gore ba kgone go akantshana.

Kgosi o ne a lekodisa morafe fa moalo wa kago ya leobo la kgotla o dule e bile mong wa konteraka yo o neetsweng tiro a setse a le teng go simolola.

Morafe o ne wa dumalana go ema kgosi nokeng go lwantsha borukhutlhi le go bereka mmogo go tlhabolola kgaolo.

Mothusa ratoropo e bile e le mokhanselara wa Bontleng, Mme Dorcus Letlhogela o ne a supa fa botlhoka tsebe le go tlhokka go dira sentle kwa dikoleng ga bana go tlhoka go tshwaraganelwa ke bana, batsadi le ba-na-le seabe ba bangwe.

A re le fa dikole tsa Selebi Phikwe di dira sentle go santse go tlhoka go itebaganngwa le bana ba ba sa direng sentle gore maduo a ye kwa godimo go feta fa a leng teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Mar 2019