Emang lenaneo nokeng
03 Mar 2019
Mogokaganyi wa lephata le le itebagantseng le twantsho HIV/AIDS (NACA) Rre Richard Matlhare o tshwentswe ke dipalo tse di golelang pele tsa mogare o mosha.
Rre Matlhare o ne a bua kwa tshimolodisong ya lenaneo la Target 90-90-90 kwa Selebi Phikwe.
A re toropo eo e santse e le kwa godimo mo dipalong tsa batho ba ba amilweng ke mogare wa HIV.
O ne a supa fa ba NACA ba kopane le ba lephata la thuto ba ne ba dira dipatlisiso tse di supileng fa 33 per cent ya bana ba ba dingwaga tse di lesome le boraro, ba setse ba inaakantse le tlhakanelo dikobo, mme 13 per cent ya bone ba gweba ka mmele.
Rre Matlhare o ne a supa fa bontsi jwa tlhakanelo dikobo ya go nna jaana e dirwa ke borre ba ba nang le boikarabelo, mme a kopa ba ba dirang jalo go emisa ka seemo se se ka dira gore HIV e seka ya laolesega.
O tlhaloseditse morafe o o neng o kokoane kwa Botshabelo fa lenaneo la target 90-90-90 le le itebagantseng le twantsho kanamo ya mogare wa HIV le ne la simolodisiwa kwa Paris, France kwa go neng go kopane baeteledipele ba ditoropo.
A re go ne ga dirwa maitlamo a gore e re ka 2020, 90 per cent ya batho ba bo ba itlhatlhobile e bile ba itse seemo sa bone, 90 per cent ya bone e tsene mo lenaneong la diritibatsi e bile 90 per cent e tsaya kalafi ka nako go ya ka ditaelo tsa ba bongaka e bile mogare o kokobetse.
E ntse e le kwa moletlong oo, Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Molosiwa Molosiwa o supile fa toropo e sale e boloditse letsholo la go tsena mo malwapeng go tlhatlhobela batho HIV.
Rre Molosiwa o ne a supa fa ba tshwentswe ke dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba amilweng ke mogare, mme o ne a itlama go dira ka natla go bona gore kanamo ya mogare o mosha e a fokotsega.
A re se se ka kgonagala fela ka kemo nokeng ya morafe le makalana a puso le a a ikemetseng a tshwana le dikereke, gore e re ka 2020, mogare o bo o laolesega.
Kwa bofelong, Ratoropo wa Gaborone, Rre Kagiso Thutlwe o ne a kopa morafe wa Selebi Phikwe go tshwaragana le ratoropo wa bone go lwantsha kanamo ya mogare, a supa fa e le maitlamo a mafatshe go bona HIV/AIDS e laolesega. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Target 90-90-90
Date : 03 Mar 2019




