Go kgaoganya temo go na le dipoelo
28 Feb 2019
Molemi wa Palapye, Mme Tshegofatso Garethata, a re go lema ka pula ya ntlha le go kgaoganya temo go na le dipoelo tse di nametsang.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Garethata a re ngwaga le ngwaga o lema ka pula ya ntlha, mme a kaya fa a sa leme tshimo yotlhe ka nako e le nngwe.
Mme Garethata, yo a lemang kwa Pitse-e-wele gaufi le Lecheng, a re dipaka di setse di fetogile, ka jalo go botlhokwa gore molemi yo a lemelang go rekisa a tshware bokgola jwa ntlha gore e re go lebilwe letlhafula ene abo a setse a simolotse go rekisa.
A re go lema ka pula ya ntlha go thusa gore molemi a seka a iphitlhela a amilwe ke seemo se se ka tlhagogang sa komelelo fa temo e ntse e tsweletse, mme ebile a kaya fa mogote o o ka tshubang dijwalo o se montsi thata ka nako ya pula ya ntlha.
Mme Garethata a re go lema a kgaoganya temo go mo fa sebaka sa gore a itepatepanye le go fetoga ga loapi a supa fa a dira seo ka go bo mo segompienong nako ya go tshologa ga pula go le matswakabele.
“Ke simolola ke lema ka pula ya ntlha me ke tlodise gongwe kgwedi e le nngwe fela ke sa leme mme e re kgwedi ya bobedi ke leme gape. Go dira jalo go a nthusa ka gore ga go kgonege gore ke tswe ke sa roba sepe,” a tlhalosa jalo.
Mme Garethata yo a nang le dingwaga di le borobabedi a inaakantse le kgwebo ya temo ya dijo tsa Setswana, a re dipoelo tsa temo ke tse di ka tshetsang Batswana a supa fa ngwaga le ngwaga a dira madi aa fetang P60 000 morago ga go rekisa se a se robileng mo tshimong ya gagwe.
O kaile fa monongwga a lemile diekere di robabobedi, a tlhalosa fa a setse a rekisitse bontsi jwa mmidi wa gagwe o o metsi ka Hirikgong, mme mo gompieno a tsweletse ka go rekisa magapu, morogo wa dinawa le ntshe.
Mme Garethata re bontsi jwa nako o tsamaya ka koloi a rekisetsa fa pele ga marekisetso ka go farologana kwa Palapye.
A re ka madi a temo o kgonne go phunya sediba, maikaelelo e le gore mo isagong a tswakanye temo ya gagwe ya komelelo ka temo ya nosetso.
Mme Garethata a re temo e batla bopelotelele, lerato le go bereka ka natla, a re tseo di kgontsha molemi gore a gole.
O supile fa ene a setse a godile mo ebile a sa ikaegang ka puso gore e mo thuse ka mananeo a a itebagantseg le go thusa Batswana go lema a tshwana le la ISPAAD. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebalang Ditlhobolo
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 28 Feb 2019




