Bogodu jwa leruo ga bo robatse ba Tswapong Borwa
28 Feb 2019
Banni ba metse e e kwa kgaolong ya Tswapong Borwa ba ikuetse mo go mopalamente wa bone, Mme Dorcas Makgato ka bogodu jwa leruo.
Kgosi Bompoetse Gotshwanetse wa Mhalapitsa o tlhalositse mo phuthegong ya kgotla gore ba tlhorontshiwa ke magodu a leruo a a tlhotlhelediwang ke beng ba marekisetso a nama.
Kgosi o kopile gore go baakangwe molao gore fa motho a tshwarwa ka leruo la bogodu, a seka a letlelelwa go emela tsheko kwa ntle ga kgolegelo.
Kwa Maape, Rre Selala Boitshwarelo yo e leng monana ebile e le mongwe wa baithaopi ba ba thusang go lwantsha borukutlhi o boleletse mopalamente gore borukhutlhi ga bo fokotsege ka lebaka la gore batsadi bangwe ba bipa mpa ka mabele fa bana ba bone ba sentse e re morago ba felele ba nna le letlhoo mo go bone.
Fa a araba, mopalamente o boletse fa puso e leka go bona gore molao o a baakanngwa gore fa mogwebi a fitlhelwa ka leruo le a le rekileng e le la bogodu a tseelwe dithoto tse di dirisitsweng go utswa leruo.
A re ya gore motho fa a le kwa kgolegelong a seka a gololwa fa dingwaga tse a di atlhotsweng diise diwele a re eo tota go abo go lebilwe boitsholo jwa gagwe fa a ntse a le mo kgolegelong go bo gotwe o bakile ga nke a boelele mme a utlwelwe bothoko.
Mme Makgato a re fa e le gore go na le bangwe ba ba bipang mpa ka mabele mo dikgannyeng tsa bogodu jwa leruo, ba itse gore tshenyego ke ya motse wa bone mongwe le mongwe wa amega ka gore nako nngwe go ya go senyediwa ene.
Mopalamente o tlhalositse fa palamente e tsweletse le go baakanya melao mengwe ka maikaelelo a go tokafatsa seemo sa tsamaiso ya lefatshe mongwe e le wa go lwantsha bogudu jotlhe.
Botswana a re e ntse e le sekgantshwane ka moitsholo jaanong o setse a tsena mo seemong sa go lejwa ka leitlho le sele ka lebaka la bogodu jo bo setseng bo tlhagelela le kwa ntle ga lone.
O tshepisitse fa palamente e tlaa itepatepanya le le seemo se. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Selinah Samson
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 28 Feb 2019




