Bagwebi ba rotloediwa go obamela melao
28 Feb 2019
Bagwebi ba bojalwa kwa kgaolong ya Kgatleng ba rotloeditswe go obamela melao ya thekiso ya bojalwa ka morafe o ngongorega thata ka madirelo a bone.
Fa a bua kwa thuto-puisanong ya barekisi ba bojalwa le badiragatsi ba molao kwa Mochudi ka Labobedi, Mothusa moeteledipele wa komiti ya taolo bojalwa ebile gape e le mokhanselara wa Boseja Borwa, Rre Gomolemo Gouwe, o boletse fa barekisi ba bojalwa ba tshwanetse go itse fa ditshwanelo tsa malwapa a ba bapileng le one di sa tshwanela go gatakiwa.
O kopile beng ba dikgwebo gore ba nne le tirisano mmogo le bogogi jwa motse le ba ba bapileng le bone go itsa dikgang le go tswalwa ga dikgwebo tsa bone.
A re fa marekisetso a ka otlhaiwa gararo, komiti ya taolo bojalwa e na le thata ya go gapa setlankana sa teseletso le gone go ka isa motho kgolegelong.
Rre Gouwe o kopile beng ba marekisetso a bojalwa go emisa go rekisetsa bana ba ba kwa tlase ga dingwaga bojalwa ka ba felela ba senyegetswe ke bokamoso.
O tlhalositse fa go letlelesega gore morekise a kope omang mo mongweng fa a lebega a le mmotlana go itsa go itsenya mo molatong,a tlatsa ka gore bana ba dikolo ba felela mo marekisetsong a bojalwa fa dikolo di tswala.
A re go sa obameleng dinako tsa thekiso ke nngwe ya tse di tla felelang di diga dikgwebo tsa batho ka ba tla tseelwa ditshwetso tse di gagametseng kgatlhanong le se ba se dirang.
O rotloeditse barekisi go ikatametsa diofisi tsa khansele ka nako tsotlhe go kopa thuso le go itse ka molao wa dikgwebo tse ba leng mo go tsone.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa ofisi ya khansele ya tiragatso molao, Rre Augustine Kaisara o tlhalositse fa tiro ya khansele e le go sireletsa bo beng ba dikgwebo le ba ba seng mo dikgwebong.
O kopile beng ba marekisetso a a nang le tetla ya go letsa gore ba seka ba ntshetsa diletso kwa ntle go kgona go laola modumo.
A re go rekisa ka seokomela bagwe mme e ise e nne nako ya go rekisa ke molato fela o o ka tsenyang motho mo kgolegelong, a tlatsa ka gore dinako tsa thekiso ya bojalwa di okeditswe.
Kgosi Segale o tlhalositse fa go na le selelo sa dipolaano, botlhoka tsebe le tse dingwe mo motseng ka ntateng ya nnotagi.
A re khansele e tshwanetse go gagamatsa molao mo go botlhe ba ba sa direng dilo ka tsamaiso, a tlatsa ka gore marekisetso a bojalwa a mantsi mo masimong le mo merakeng mme ga ba tseelwe dikgato.
A re dinako di tshwanetse tsa salwa morago ka marekisetso a leletsa dipina tsa bone kwa godimo fela thata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Miranda Mapotsan
Location : MOCHUDI
Event :
Date : 28 Feb 2019




