Kgaolo potlana ya Palapye e lwantsha monang
28 Feb 2019
Mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole, o kopile khansele potlana ya Palapye go thusa go lwantsha monang o o tlhakaladitse kwa Maunatlala.
Mme Lesole o boletse mo phuthegong ya khansele potlana ya Palapye gore monang o montsi kwa Maunatlala o okwa ke letamo la Lotsane.
A re ba lekile ditsela tsotlhe go itshireletsa kgatlhanong le monang, mme o tsweletse ka go ba tlhorontsha.
O kopile boeteledipele jwa khansele potlana ya Palapye go ema ka dinao go thusa go lwantsha monang ka go bo banni ba motse oo ba le mo diphatseng tsa go tsenwa ke bolwetse jwa malaria.
Mme Lesole o kaile fa mongwe wa banni ba motse oo a setse a kile a latlhegelwa ke botshelo ka ntata ya bolwetse jwa malaria mo dingwageng tse di fetileng.
A re go botlhokwa gore ba botsogo ba eme ka dinao go dira ditshekatsheko ka monang, a kopa gore ba gasetswe dichefi tse di bolayang monang mo matlong, jaaka go dirwa kwa dikgaolong tse di dingwe.
Mo go tse dingwe, Mme Lesole o ne a kopa boeteledipele jwa khansele potlana go potlakela seemo sa thuto kwa dikolong tse dikgolwane kwa Maunatlala, a supa ngwaga le ngwaga maduo a wela tlase.
A re mo bosheng, o ne a bitsa bogogi jotlhe jwa motse le boeteledipele jwa dikolo tseo go batla tharabololo ka kwelotlase ya maduo.
Mo pegong ya gagwe ya tekodiso, modulasetilo wa khansele potla eo, Rre Lesedi Phuthego o ne a supa fa kgaolo e gatisitse dipego di le pedi tsa bolwetse jwa malaria fa gare ga kgwedi ya
Phalane le Sedimonthole ngogola, mme monongwaga, e setse e gatisitse dipego tsa malaria di robabobedi.
Rre Lesedi o ne a kopa makhanselara go gakolola setshaba go itlhokomela kgatlhanong le monang o o ka bakang bolwetse jwa malaria. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lebalang Ditlhobolo
Location : PALAPYE
Event : phuthego ya khansele
Date : 28 Feb 2019




