Breaking News

Kgosi Mosadi o rera tekatekano ya bong

28 Feb 2019

Kgosikgolo ya Balete a re tekatekano ya bong e tshwanetse go bonala mo mananeong otlhe a puso.

Kgosi Mosadi o buile se fa komiti ya bong (National Gender Commission) e a leng modulasetilo wa yone e buisa phuthego ya kgotla kwa Mochudi bosheng.

“Dikgang tsa komiti ya setshaba ya bong di ama banna, basadi, basetsana le basimane. Ke dikgang tse di tlhokang gore re di rarabolole rotlhe re kopantse ditlhogo,” Kgosi Mosadi a tlhalosa.

A re le ntswa tekatekano mo banneng le basadi e tshwanetse go nna teng, ga go ree gore mosadi o tshwanetse go nyatsa monna, le ene monna ga a tshwanela go kgobotletsa mosadi.

Kgosi Mosadi a re lerato le tlotlano ke dilo tse pedi tse di tsamaelanang, ka jalo komiti ya gagwe e tsamaya lefatshe ka bophara go tsibosa Batswana ka tiro e ba e dirang le go tsaa patlo maikutlo mo Batswaneng.

A re go matshwanedi gore ere rre le mme ba kgopisane, ba tsee sebaka ba fole, pele ga ba ka tsaa morero ba wetse dibete.

O supile gore rre le mme ba tshwanetse go nna le maikarabelo a go netefatsa fa ba ruta bana ba bone go rarabolola dikgang go sena yo gobatsang yo mongwe ka mafoko le ka mabole.

 “Re tshwanetse go ruta bana ba rona go bua sentle ba sa kgobotletsane ka mafoko ebile ba itse gore kagiso e simolola mo lapeng,” ga tlhalosa Kgosi Mosadi

O tsweletse a supa gore komiti ya setshaba ya bong e simolotswe ka ngwana wa 2016, morago ga go dirwa ga molao motheo wa National Policy on Gender Development ka 2015.

A re komiti e e na le maloko a le lesome le borataro ebile ke yone e gakololang puso ka dikgang tsa bong.

O supile gore dikgang tsa dipetelelo, dipolaano, dikiteo tsa basadi le bana, kgogontsho ya borre, bomme le bana ke dingwe tsa di dikgang tse di ba tshwenyang fela thata.
Kgosi Mosadi o rotloeditse banna go rata basadi ba bone le go tsenya letsogo mo go godiseng bana.

A re bontsi jwa dipatisiso di supile gore go tlhoka tsebe le go tlala tshakgalo ga bana ba basimane mo go feletsang go dira gore e nne dirukuthi le bo tlhoka tsebe go rotloediwa ke borre ba ba phuagantseng bana ba bone.

O kopile batsadi go tlotla malwapa a bone gore e nne sekao mo baneng, are lelwapa ke konokono ya boammaruri.

Mme Seboko are kgang e nngwe gape e e dirang gore go nne le dikgotlhang mo malwapeng ke madi.

A re go lemosigile gore basadi ka bontsi ba beile mo banneng gore ba ba tshetse ka madi, mme madi a sa lekane, ka jalo go felele go lolwe.

Fa a tswa la gagwe, Senior Assistant Commissioner Pilane Sebigi a re le ntswa tiro ya mapodisi e le go sireletsa botshelo le dilo tsa beng ba bone, ba tshwanetse gape ba sireletsa dilo tsotlhe tse di molemo tse di dirwang ele mananeo le meamuso ya puso.

A re go thibela borukuthi go botlhokwa ebile ga ba kake ba kgona bale nosi.

O supile gore batsadi ba tshwanetse go kgalema bana ba bone go ikgapha mo borukhutlhing.

“Rele mapodise, le rona re na le bana ebile re utlwa botlhoko fela thata fa re tshwara bana ba batho, mme fela fa le sa ba kgalemele, kamoso ba tsoga ba tsere le ba rona ba dira dilo fela tse di bosula,” ga bua Rre Sebigi.

O ne a supa gore mapodisi a tshwenngwa ke dipalo tse di oketsegang tsa dipetelelo le dipolaano. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 28 Feb 2019