Thupa kalafi ya botlhoka tsebe
28 Feb 2019
Kgosi Kebelaele Siame wa kgotla ya Borakalalo kwa Molepolole a re o dumela fa go kgwathisa e le yone tsela ee botoka ya go tsenya batlhoka tsebe mo tseleng.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Siame o kaile fa kgotla eo e tsweletse ka go sala morago tsamaiso ya gore yo o dirang molato, a bilediwe kwa kgotleng go ya go kgwathisiwa ntle le kgethololo ya bong.
A re kgotla ya gagwe e tswa kgakala e itsege ka botlhokatsebe, mme a tlhalosa fa bo fokotsegile thata morago ga gore moretlwa o simolole go lela.
A re pele, kgotla eo e ne ele yone e nang le marekisetso a dinotagi a mantsi mo Molepolole, mme seo se oka banwi ba bojalwa go tswa kwa dikgotleng tse dingwe.
Kgosi Siame a re kgotla eo e sa le e senyegile gone foo, go fitlhela marekisetso a nnotagi a anama le motse mme seemo sa borukutlhi sa fokotsega, bogolo jang ka kgotla eo e ne ya emela botlhokatsebe ka dinao ka go letsa moretlwa.
A re lefa ntswa go santse go na le manotonyana a a santseng a tsweletse ka go tlhoka tsebe, kgotla eo e fetogile e bile e kgona go laolesega ka badira molato ba tshaba thupa.
A re o jesiwa diwelang ke gore dibara di fokotsegile thata kwa kgotleng eo, e bile mesepele ya masigo le yone e ile tlase, a tlatsa ka gore kgotla eo jaanong e simolotse go nna le leina le lentle e bile ea tshephiwa mo go kgalemeleng botlhokatsebe.
Kgosi Siame a re sekole se segolwane sa Kgari Sechele se kopa thuso mo go bone nako le nako go laa baithuti ba ba tswang mo tseleng ka moretlwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goitseone Tlhware
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 28 Feb 2019




