Breaking News

Kgosi Motoane o akgola banni Sesung

27 Feb 2019

Kgosi ya Sesung kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Lekang Motoane, o akgoletse banni ba motse oo go agela lefoko la gagwe mosako.

E rile a bua mo potsolotsong, Kgosi Motoane a supa fa mo lebakeng lele fetileng ene le magosana ba supile matshwenyego ka medumo e e neng e utlwala thata kwa marekisetsong a dinotagi gammogo le yone tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi.

O kaile fa selo se, se ne sa dira gore bana bangwe ba seka ba fetsa sekolo fa bangwe ba ne ba wela tlase mo maduong a sekolo mme dintwa le dipolaano le tsone tsa gola.

Kgosi Motoane a re e ne ya re go bona se, ba emela dikgang tse ka dinao mme ba bitsa morafe go buisanya le go kgalema le fa gone gose motlhofo ka ene ese botlhe ba ba neng ba dumalana le kgalemo eo.

A re ba ne ba seka ba fela pelo mme ba tswelela ka go lebisa barekisi ba nnotagi mabaka a go dibela bana le isago ya bone mme ba ne ba obega mo tsamaong ya nako.

Kgosi Motoane o supile fa mo nakong e, motse wa gagwe o rena thitibalo, medumo le ditiro tsa botlhoka tsebe di kokobetse, le one maduo a bana ba sekolo se sebotlana a tokafetse.

O kaile fa mo dikgannyeng tse dingwe gona le batho ba ba nnang mo motseng wa gagwe mme bogogi jwa motse bo sa ba itse.

A re mo dinakong tsa maloba, e ne ere fa moeng a goroga mo motseng a supiwe kwa kgosing gore bogogi le morafe ba mo itse.

O supile fa go dira jaana gone goo fa bogogi le banni sebaka sa go latedisa motlhala wa motho yoo fa gona le mathata.

A re o tlhaloganya fa seemo se, se se kwa motseng wa gagwe fela mme a re o kopa Batswana go boela kwa tsamaisong e ya maloba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 27 Feb 2019