Breaking News

Kgosi wa Lekgwapheng a kopa boralekgotla

27 Feb 2019

Kgosi Motshegetsi Bakwena wa kgotla ya Lekgwapheng kwa Molepolole a re go tlhaelelwa ke boralekgotla kwa kgotleng eo, go kgoreletsa tiro ya gagwe.

O boletse mo potsolotsong fa kgotla ya gagwe e na le batho ba ba tlhokang go thusiwa ka mabaka a a farologaneng, mme a ka se kgone go dira ditiro tsotlhe a le nosi.

Kgosi Bakwena a re boralekgotla ba mosola ka jaana ba tsogela mo kgotleng go tla go reetsa le go thusa kgosi dikgang.

A re o na le ralekgotla a le mongwe ka jaana ba le lesome le bobedi ba ikgogetse morago ka e ne e le baithaopi.

“Ka tsamaiso ya Setswana, kgosi ga a tshware kgang a le nosi go itsa dingongorego tse dintsi, ka jaana boralekgotla ba thusa go kanoka le go letlanya,” a tlhalosa jalo.

O ne a kopa puso go atswa boralekgotla gore ditsheko di tle di kgone go tswelela.

Kgosi Bakwena o tsweletse a tlhalosa gore fa a seo mo kgotleng ka tiro, go a tswalwa, mme fa go ne go na le boralekgotla ba ka bo ba thusa mo boseyong jwa gagwe.

A re fa a ne a sena mokwaledi wa moithaopi e leng Rre Blockie Modise, ofisi ya gagwe eka bo e etle e lotlelwe ka nako ya tiro.

Rre Modise ene o tlhalosite fa kgotla ya bone e thusa batho ba ka nna lesome le bosupa ka letsatsi, mme nako nngwe go kile ga tla batho ba le makgolo a mabedi ba batla godirelwa mokwalo go ya go dira Omang le matsalo a bana.

Ralekgotla, Rre Diteko Tshenyego, a re ba imelwa ke dikgang ka jaana tse dingwe mapodisi a Lekgwapheng a di tsisa kwa go bone fa ba lemoga gore modiramolato o tshwanetse go kgalengwa go na le go gatisiwa menwana.

A re o na le dingwaga tse tlhano a ntse a ithaopile, mme o imelwa ke dikgang tse di tsenang ka mmetela kwa kgotleng.

Mokhanselara wa Lekgwapheng, Rre Basi Kgoleyamotho a re go nna thata mo go bone e le mapolotiki gore ba supe motho ka monwana gore o molato ka e tla a re ka moso a batla go emiwa nokeng ka tlhopho e bo motho wa go nna jalo a gana.

A re mme ba kgona go kgalema fa ba buisa phuthego ya kgotla jaaka mo dikgannyeng tse di akaretsang petelelo, dipolao le kgokgontsho. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Sylviah Disele

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 27 Feb 2019