Breaking News

Khansele ya Ghanzi e batla sefikantswe

27 Feb 2019

Khansele ya Ghanzi e simolodisitse thulaganyo ya go tsaya megopolo mo bathong mabapi le sefikantswe se khansele e gopotseng go se dira.

Mo phuthegong ya go tsaya megopolo mo bathong kwa Ghanzi ka Mosupologo, bontsi jwa banni bo boletse fa bo eletsa gore sefikantswe e nne sa kgomo ka gore botshelo jwa morafe wa kgaolo eo bo ikaegile thata ka yone.

Wa ntlha go supa keletso e, ke Rre Director Tharese, yo a tlhalositseng fa batho ba kgaolo eo ba tshela ka kgomo, ka jalo e tshwanetswe go dirisiwa.

Mme Motlalepula Serole le ene o ne a ba ikaegile ka kgomo ebile ba ya go rekisa dikgomo go kokoanya madi a go dira sefikantswe se.

Mme Keleabetswe Kolokose ene a re batjo ba kgaolo ya Ghanzi ke batho ba kgomo le temo, ka jalo a re sefikantswe se tshwanetse go supa se, fa Mme Safira Modiga a eletsa gore go ka dirisiwa mosimane le rre ba gatelela kgomo ka seme.

Kgosi ya pele ya Ghanzi, Rre Silence Setima ene o ne a supa go re ntswa mogopolo wa kgomo o siame, go seka ga lebalwa morafe oo tsileng pele kwa kgaolong eo.

O ne a supa fa batho ba letso la Basarwa ba lebalwa, ntswa ele bone batho ba ntlha go nna mo kgaolong ya Ghanzi.

Rre Mogomotsi Serole  o ne a re kwa ntle ga kgomo go ka dirisiwa rre wa mosarwa.

Fa aa fa malebo, mokhanselara wa Ghanzi Legare, Mme Gaoletle Dikoma, o ne a supa gore le ntswa batho ba eleditse gore go dirisiwe kgomo, go ka akanngwa sengwe gape se se nang le bokao mo matshelong a a batho ba Ghanzi go pata kgomo eo.

O ne a re ka metse ya kgaolo ya Ghanzi e simololotswe ke Basarwa, bana le sekao mo ditsong tsa kgaolo eo.

Moeteledipele wa lekoko le le rumilweng go tsaya megopolo, Rre Gregory Losibe, o ne a tlhalosa fa sefikantswe se, se tlaa bewa mo toropong ya Ghanzi le mo dikgorong tsa kgaolo ya

Ghanzi, jaaka kwa mololwaneng wa Mamuno le kwa kgaolo ya Ghanzi e kgaoganang le dikgaolo tse dingwe teng.

Rre Losibe o ne a gakolola batsena phuthego gore ba tlhophe sengwe se eleng gore seka ba kopanya, ebile sena le bokao mo matshelong a bone, kgotsa motlhala wa morafe.

Go dimo ga moo a re ba tshwanetse gore ba bo ba ka ipela ka selo seo, a supa fa sefikantswe se ka okela bajanala mo kgaolong ya bone.

A re morago ga go fetsa go tsaya megopolo mo bathong, khansele e tlaa tlhotlha megopolo eo, mme e tsee o o ntshitsweng ke morafe ka bontsi, mme ba boele gape kwa morafeng go ba rolela mogopolo oo, pele o diragadiwa.

Rre Losibe o ne a tlhalosa fa morafe o ka tswelela ka go isa megopolo go fitlhelela dikgwedi tse tharo tse di tlang di wela, gape a kopa morafe go gasa molaetsa mo go ba ba satlang phuthegong.

O ne gape a kopa morafe go nna le seabe mo tirong ya go dira sefikantse se go sa kgathalesege gore go tla dumalanwa eng.

Fa a amogela baeng, mothusa kgosi ya Ghanzi, Mme Annah Rankho o ne a tlhalosa fa sefikantswe ele bokao jwa morafe ebile se ka tsisa ditlhabololo, ka jalo a kopa morafe go tshwaraganela tiro eo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : GHANZI

Event : Phuthego

Date : 27 Feb 2019