Breaking News

Hatsalatladi a itumelela dipone tse pedi tsa mokgwatlha

27 Feb 2019

Komiti ya ditlhabololo tsa Hatsalatladi kwa kgaolong ya Kweneng e akgoletse puso mananeo a a tsweletseng ka go tlhabolola Batswana.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa komiti Rre Pontsho Keaitse o kaile fa madi aa ntshiwang ke puso go tlhabolola dikgaolo a P10 million a thusitse gore motse o gokelwe dipone tse ditona di le pedi go fedisa lefifi la ntshwarela ngwana.

O ne a supa fa mo ngwageng wa 2018/2019 motse wa bone o tlaa tsenngwa dipone mme go setse go dirilwe fa dipone tseo di a go tsenngwang teng.

O ne a tlhalosa fa di pone di tlaa thusa motse segolo jang banni baba iseng ba gokele motlakase.

A re dipone tse di dira lesedi sekgala se se leele ka jalo di tlaa thusa go lwantsha borukutlhi.

O ne a kaya fa dipone di a go nna le seabe go thusa bana ba sekolo ba ba gaufi le tsone ba go senang motlakase kwa ga bone go dira tiro ya sekolo.

A re ba solofetse gape gore matlo a boroko a komiti ya ditlhabololo a lesome le boferabobedi a ba setseng ba goketse motlakase a kgone go tshuba tiro e ba solofetseng gore e dirwe mo bogaufing.

Rre Keaitse o ne a kaya fa mo ngwageng wa 2017/2018 komiti e ne ya kgona go tsenya moalo wa ditena mo tseleng ee yang mabitleng.

Mo ditirong tsa go dira madi tsa komiti, Rre Keaitse o supile fa mo nakong eno tiro ya go foroma le go rekisetsa banni ditena tse di agang e le nngwe ya tse di direlang komiti dipoelo.

O ne a supa fa komiti e na le tshilo e e hiriseditseng mongwe gore a e tsamaise mme o duela komiti madi a go dirisa lefelo leo.

O ne a supa fa tshilo eo e tsweletse ebile banni ba reka boupi jwa bogobe mo go yone. O boletse fa lenaneo la ditshingwana tsa merogo le sa solegele ba ba le filweng molemo ntateng ya letlhoko la metsi.

O supile fa ditshingwana tsa bontsi jwa banni ba ba filweng lenaneo leo la nyeletso lehuma di tlhogile tlhaga ka ba sa lema ka ntata ya letlhoko la metsi.

O ne a supa fa lenaneo le le supang le ka tswa maduo e le la go rua dipodi a kaya fa bangwe ba ba le akotseng ba santse ba na le dipudi mo nakong eno.

Dingwe tse a kaileng fa ele letlhoko ke go tlhaela ga matlo a boroko a badirelapuso, letlhoko la ofisi ya mokenti a supa fa ele tse ba eletsang di ka tshibogelwa go dirwa go thusa tlhabololo ya motse.

O ne gape a supa fa kokelwana ya motse le yone e tlhoka go katolosiwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Jacob Obotseng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 27 Feb 2019