Go tlhoka go duela babereki ga go robatse puso
27 Feb 2019
Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Mme Docas Makgato, a re o tshwenngwa ke beng ba dikonteraka ba ba sa dueleng babereki.
Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Mhalapitsa bosheng, o boletse fa puso e duela beng ba dikonteraka ba e ba hirileng sentle mme bone ba palelwa ke go duela babereki.
A re go sa duela babereki sentle, go tshwenya puso, bogolo jang ka ditiro tseo gdi tlaa thusa go fokotsa letlhoko la ditiro mme jaanong di oketsa matshwenyego mo bananeng.
O kaile fa dikonteraka tse di sa dueleng babereki e le tsa Batswana ka tsa batswakwa tsone di duela sentle.
Mme Makgato a re beng ba dikonteraka ba ba lwelang ditiro ba bo ba isa dikgang kwa dikgotla tshekelong ba emisa tiro ka ditsheko.
Mme Makgato o bolela fa tsela ya Dibete-Machaneng e ne ya diiwa ke one mathata a, a re mme jaanong e a solofetsa ka go setse go na le fa e fedileng teng ebile e dirisiwa go tswa kwa Dibete go ema kwa Mookane.
O boletse fa ditlhotlhwa tse di bewang ke beng ba dikonteraka fa ba direla puso di tshwenya ka gore di isiwa kwa godimo thata.
Mopalamente o tlhalositse ka melao e palamente e dumalaneng go e baakanyana, mongwe wa yone e le melemo e e tsenang mo Botswana gore e sekasekwe pele e goroga.
O mongwe a re ke go bona gore di dirisiwa tsa maranyane ga di dirisiwe go senyetsa setshaba, le gore mongwe le mongwe fa a nna mopalamente go sekasekwe dithoto tse a nang natso pele gore fa e kare mo dingwageng a bo a bonwa ka dikhumokhumo, go itsiwe gore ke mosinyi.
Mme Makgato a re puso e ikaelela go ruta dithuto tsa maranyane thata mo Botswana ka go lemotshegile fa seo se ka godisang itsholelo sa ba sa oketsa ditiro mo lefatsheng.
A re tsela ya Radisele/Pilikwe e tlaa agiwa ebile ditshekatsheko di weditswe go emetswe madi gore e tshelwe sekontere.
Banni ba ne ba ikuela mo go mopalamente gore go sebaka ba sa bewe mme modulasetilo wa Sefhare Sub-Land board, Rre Max Garekwe a tlhalosa fa tsamaiso ya gompieno e le gore go segwe ditsha pele go sa tlhole go bewa jaaka bogologolo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Selinah Samson
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Feb 2019




