Komiti e lwantsha dikgwetlho tsa Ipelegeng
27 Feb 2019
Komiti ya ditlhabololo ya Kumakwane kwa kgaolong ya Kweneng ya re e eme ka dinao go batla tharabololo ya dikgwetlho tsa lenaneo la Ipelegeng.
Go buile jalo modulasetilo wa komiti e, Rre Batho Motukisi, mo potsolosong bosheng.
A re ba lemoga fa bontsi jwa banana ba ba dingwaga tse di ka fa tlase ga masome a mararo ba inaakantse le lenaneo la Ipelegeng.
Mme komiti e letlelelwa go hira babereki ba le lekgolo le masome a mabedi mme o fitlhela palo e e fetang sephatlo e le banana.
“Tiro ga e tsamae sentle o bereka le makgarejwana ka jaana ba ikopa kgapetsakgapetsa go isa bana sekolong, go ba tseela maduo fa dikolo di tswalwa kgotsa fa ba isiwa sekaleng,” Rre Motukisi a tlhalosa jalo.
O bile a bolela fa ba sa nke ba gana go ba fa tetla fa baikopa mme tiro e ketefala boseyong jwa bone.
Rre Motukisi a re le ntswa banana ba sa itebe diatla, ba na le go goga maoto fa ba tshwanetse go direla mo letsatsing.
A re mo kgweding eno, ba ba bonye palo e ntsi thata ya baikopedi ba lenaneo le ka jaana batho bale lekgolo le masome a bosupa le botlhano ba ne ba supa keletso ya go dira mo lenaneong le.
A re seemo se, se raya gore batho bangwe ba ya go tsaya kgwedi tse tharo ba sa bereke ka jaana nako e e tlang ba ya go simolola go hira ba ba neng ba sa atlega kgwedi e.
Kgwetlho e nngwe ke gore ga ba na didirisiwa tsa boleng go diragatsa lenaneo.
A re ba ne ba fiwa dikiriba, digarawe le diharaka tse tharo ka ngwaga wa 2017 mme di ne tsa senyega mo nakong e khutshwane.
Rre Motukisi a re seemo se, se a ipoeletsa ka jaana ba ka supa bontsi jwa tse ba di filweng mo nakong e e fetileng tse di senyegileng mme di tladitse mabolokelo a bone.
“Re na le letshwenyego ka jaana go humanegisiwa khansele ka gore motho yo o filweng marapo a go re abela didirisiwa o re fa tse di senang boleng,” modulasetilo a tlhalosa jalo.
O tsweletse a bolela fa Ipelegeng e sena selekanyo sa dingwaga tse di letlelelwang go bereka jalo he, ba lemoga fa bagodi le bone ba inaakantse le lenaneo.
A re seemo se se ba ketefaletsa tiro ka jaana bagolo ba sena bokgoni jwa go dira ditiro dingwe jaaka go rema ditlhare kgotsa go epa mesele.
A re ba na le bagodi ba le batlhano mme o bete se molangwana ka go tlhoka go ntsha maduo ga bone mo tirong.
O kopile gore go dirwe sengwe ka mananeo a ga goromente gore a akolwe ke batho botlhe ka go lekana.
A re mo bogompienong, ba na le batho ba ba tsereng mananeo a mangwe jaaka a banana le nyeletso lehuma mme gape ba le mo Ipelegeng.
A re seo se phutlhamisa mananeo ka jaana go rua dikoko le go lema mo digotlong go tlhoka tlhokomelo mme fa motho a tlhola mo Ipelegeng go dira gore kamoso go bo go twe mananeo a palelwa ke go tlhatlosa batho.
Mo go tse dingwe, Rre Motukisi a re ditiro tsa mo motseng di tsamaya ka bonya.
O boletse fa ba itsisitswe fa bo beng ba dikonreka ba tshwanetse go ikopanya le bone, kgosi le mokhanselara fa ba sena go fiwa tiro gore bogogi jwa motse bo kgone go baa tiro leitlho.
A re seo ga se direge ka jaana go na le mongwe yo o neng a filwe tiro ya go agela mooki ntlo mme ga a ise a ikopanye nabo kgotsa go hira bana ba motse.
Mo go tse dingwe, modulasetilo o ngongoregile ka dipalo tse dintsi tsa batswakwa segolo bogolo ba letso la Zimbabwe mo motseng wa bone.
A re ba lemogile fa banni ba ba thusa thata mo go utsuweng ga motlhaba mo nokeng ya Metsimotlhabe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Sylviah Disele
Location : KUMAKWANE
Event : POTSO
Date : 27 Feb 2019




