Breaking News

Ba kopa ditlhabololo

26 Feb 2019

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Kotolaname kwa kgaolong ya Kweneng, Rre Onalenna Chabadiile, a re ba tshwenngwa ke ditiro tsa ditlhabololo tse di tlang kwa motseng wa bone ka bonya.

O boletse mo potsolosong bosheng fa ditlhabololo di sa le di eme go tla kwa go bone ka ngwaga wa 2016.

A re ditlhabololo di eme tsii, fa e sa le motse oo o tswa ka fa tlase ga Letlhakeng ka ngwaga wa 2010 go ya kwa kgaolong potlana ya Molepolole.

“Ga gona ditlhabololo dipe tse nka di kayang tse Molepolole a di dirileng ntle le Ipelegeng,” a tlhalosa jalo.

Kgosi Tsogolame Motanka a re erile bosheng ba bitswa ke khansele ya Kweneng go ba itsise fa tsela ya go tswa Molepolole go ya Moshaweng e tla tsenngwa sekontere.

A re ba solofeditswe fa seo se tlaa simolola go dirwa nako nngwe le nngwe go simolola ka 2020 go ya kwa go 2023.

Kgosi Motanka a re tsela e e maswe thata, mme mo nakong ya gompieno khansele e a e gopa.

O boletse fa ba itsisitswe fa mapodisi a reketswe koloi, mme e tlaa tsisiwa mo nakong e e seng kgakala.

E re dikgang di eme jalo, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse o boletse fa ntlo lehalahala ya motse e sale e senngwa ke diphefo ngwaga oo fetileng ka Phalane.

A re e ne e etle e ba tsenyetse madi fa e hirisiwa go dira maitiso, mme mo bogompienong ga e ba solegele mosola.

O boletse fa ba filwe P300 000 mo mading a ditlhabololo tsa dikgaolo tsa botlhophi, mme ba ne ba ikaeletse go baakanya ntlo lehalahala le go aga ofisi, mme seo se phirimile ka jaana khansele e ba gakolotse fa madi ao a ka se lekane ditiro tseo.

“Ga ke itse gore ntlo lehalahala e ya go baakanngwa leng ka jaana le mabati le one a senyegile, le matlo a komiti ya ditlhabololo tsa motse a sule, mme re dumalane gore go agiwe LA2 ka one madi ao,” a tlhalosa jalo.

Rre Chabadiile a re matlo a komiti ya ditlhabololo tsa motse ga a tsenye madi, a tlatsa ka gore ba aga e nngwe ka gore go nale ngongorego ya gore a makgasa.

O tsweletse a tlhalosa fa batho ba ba hirisitseng matlo a ba sa duele sentle, jalo he ba sa boelwe gonne ba kolotiwa P65 000. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Sylviah Disele

Location : KOTOLANAME

Event : Potsolotso

Date : 26 Feb 2019