Mogokgo o kopile batsadi go tlotla thuto
26 Feb 2019
Banni ba kgotla ya Sedie kwa Maun ba kopilwe go tlotla le go ema nokeng thuto ya bana ba bone ka jaana e le yone fela e ka ba tlhabololong.
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mathiba, Rre Noah Kebafitlhetse o gwetlhile banni mo phuthegong ya batsadi le barutabana go itse fa thuto e le mosola mo ngwaneng le itsholelo ya lefatshe.
A re go botlhokwa gore batsadi ba tsee karolo mo thutong ka go ba tshwaragana le barutabana, a tlatsa ka gore bobedi joo bo tshwanetse go rotloetsa bana go tsaya thuto tsia.
Rre Kebafitlhetse o tsibositse batsadi gore puso e tshela madi a mantsi mo thutong, ka jalo go botlhoka gore ba nne le seabe ka go tlhokomela dibuka tsa bana, go lomagana le barutabana, go duela madi a sekole le a ditlhabololo le gone go rotloetsa bana go bala le go dira tiro ya sekole kwa lwapeng ka nako tsotlhe.
Mogokgo a re ba a tshwenyega ka gantsi baithuti batla sekoleng ba sena dibuka, fa bangwe ba di latlha mme bangwe ba nyelela fela mo sekoleng morago ga go fiwa dibuka mme seo e nne tatlhegelo e tona mo pusong.
Rre Kebafitlhetse o tlhalositse gape gore tirisanyo mmogo fa gare ga bogogi jwa sekole le batsadi e ka dira gore sekole se fitlhelele maikaelelo a sone, mme a kopa batsadi go tsibogela dipitso ka nako tsotlhe.
O kopile batsadi go netefatsa gore bana ba tsena sekole sentle ebile ba phepa ka nako tsotlhe.
Mogokgo a re ba a tle ba amogele dikgang dingwe tsa bana ba ba emelelang kwa malwapeng ba re ba ya sekolong mme ba ikele go sele, a re gona le sekgwa go bapa le sekole mme go utlwala fa baithuti ba tlhola teng ba iphitlhile.
A re e re le ntswa batsadi bangwe ba itse ka seemo seo, ga ba bolelele ba ba tshwanetseng.
Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Sedie, Mme Senatla Mokobela le ene o ne a kaya fa go tlhoka go tlhokomela thuto go tshwenya.
O ne a rotloetsa batsadi go lebelela dibuka tsa bana fa ba tswa sekolong go bona gore ba dira jang.
O gateletse gape botlhokwa jwa go tsena diphutego tsa sekole ka jaana go neela batsadi le barutabana sebaka sa go fana megopolo go tlhabolola thuto ya bana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Uzeuavi Mbaeva
Location : MAUN
Event : Phuthego
Date : 26 Feb 2019




