Kgosi ga a itumelele boitsholo jwa banana
26 Feb 2019
Motshwaralela bogosi jwa Kotolaname kwa kgaolong ya Kweneng, Kgosi Tsogolame Motanka, a re ga a jesiwe diwelang ke boitsholo jwa banana bangwe kwa motseng oo.
E rile a a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Motanka a supa fa a sa itumedisiwe ke gore banana ba inaakantse le tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi selo se a reng se tlhotlheletsa dintwa le tiriso ya matlhapa.
A re bosheng jaana, ba begetswe dikgang tsa botlhoka tsebe le go tlhoka go tlotla bagolo tse tsotlhe di neng di diragalela kwa maitisong kana kwa malwapeng.
Kgosi Motanka a re le fa go tshelelwa mo nakong ya diphetogo, batsadi ba tshwanetse go ela thoko ditsela tse ba godisang bana ka tsone.
A re mo molaong wa maloba, motsadi mongwe le mongwe o ne a kgalema fa bana ba fapoga.
Mme mo nakong ya gompieno ke matlhabisa ditlhong ka jaana bagolo bangwe ba fitlhelwa mo mafelong a go rekisiwang nnotagi teng ba nwa le bana.
Ka jalo ba retelelwa ke go kgalemela bana ba.
E re dikgang di eme jalo, Kgosi Motanka o kaile fa bogodu jwa leruo, bogolo jang jwa ditonki bo ile magoletsa mme go lebega bontsi jwa badira molato e le beng gae le ba masimo a a mabapi.
O boletse fa dirukutlhi tse di dirile masaka mo sekgweng kwa di bolaelang leruo teng.
Kgosi Motanka o ne a supa fa a sa jesiwe diwelang ke baratani ba a reng ba nna botlhe jaaka monna le mosadi mme basa nyalana mme e re ba nna le kgotlhang go nne thata go ba agisanya, ka jalo a kopa batsadi go emela seemo se ka dinao ka go ba rotloetsa go nyala. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : KOTOLANAME
Event : Potsolotso
Date : 26 Feb 2019




