Ngwao ke ntlha e kgolo mo thutong ya bana
26 Feb 2019
Mothusa motshwarelela bogosi jwa Barolong, Kgosi Mompati Marumoloa, a re ngwao ke thuto ya konokono mo baneng.
O buile se kwa tshimolodisong ya letsatsi la ngwao le le neng le rulagantswe ke sekole sa Barolong Vocational Training Centre (BVTC) bosheng.
A re modi wa thuto o simolola kwa lwapeng ka ke bontlha bongwe jwa ngwao go ruta bana maitseo.
Kgosi Marumoloa a re ga a dumele fa go na le ngwana yo o padileng, a tlatsa ka gore batsadi ba tshwanetse go nna fatshe le ngwana a sa le monnye go mo ruta boitshwaro jo bo amogelesegang.
A re dithuto tsa sekole le tsone di ka fetoga fela fa batsadi ba ruta bana botho jo bo siameng kwa lwapeng. O tlhalositse fa botsogo le jone bo agilwe ke ngwao a re fa a santse a le mmotlana, ba ne ba dira learo la borre e le ngwao.
“Pele go nna thata re ne re rola kepese ka ngwao re ne re dirisa boloko go bo go fedile, le fa e le go lwala,” a tlhalosa.
A re Barolong ba ne ba itsiwe ka ngwao ya go lema, mme ba santse ba tshegeditse mokgwa oo.
A re yaare fa o tlaa lemoga fa motho e le Morolong, o utlwe ka teme ya Setswana e tlhakantse le seburu. Kgosi o galaleditse BVTC go bo ba bone go le maleba go nna le beke ya go ruta baithuti ngwao.
A re go bo ba ne laleditse bagolo jaaka bomme ba ngwao le go rera le dikgosi go tsisitse maduo a mantle.
Mothusa mogoko wa sekole, Mme Tebogo Nkwadi o tlhalositse fa ba nnile le beke ya go ruta bana ba sekole ngwao.
A re ke lantlha ba keteka moletlo wa go ipelela ngwao mme o solofela fa ba tlaa tsweledisa.
O galaleditse bomme ba ngwao ba eteletsweng pele ke mohumagadi wa motshwarelela bogosi jwa Barolong, Mme Dipuo Motshegare tiro e ntle ya go ruta bana ngwao le kemo nokeng ya bogogi.
A re seo ke thuto e e agileng mo baithuting. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GOODHOPE
Event : letsatsi la ngwao
Date : 26 Feb 2019




