Breaking News

Ba kopilwe go dirisa metsi sentle

26 Feb 2019

Mookamedi wa khamphani ya metsi ya Water Utilities Corporation, Rre Mmetla Masire, o kopile banni ba Machana kwa kgaolong ya Borwa go dirisa metsi ka kelelelo.

O buile se kwa pulong semmuso ya sediba le dipompo kwa motseng oo, tse di agilweng ke moepo wa Jwaneng o tshwaragane le water utilities le dikhamphani tse di gwebang le moepo.

Tiro eo, e e lopileng P3.7 million, e ne e ya rolwa semmuso ke Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi ka Mosupologo

Rre Masire o kopile banni ba Machana go somarela didirisiwa gore di ba solegele molemo nako e telele.

A re selelo sa letlhoko la metsi kwa motseng oo se tlaa kgaotsa ka metsi a a goketsweng a feta selekanyo se banni ba motse ba se tlhokang.

O boletse fa mo dingwageng tse tsotlhe, metsi a ba ntseng ba a siela banni ba Machana a ne a sa lekane ebile ba tshwanelwa ke go tsamaya sebaka se se leele go ba gela metsi kwa Moshupa le Kanye.

A re mo godimo ga sediba le dipompo tseo, water utilities e goketse metsi kwa kgotleng le kwa sekoleng se sebotlana le dipompo tse pedi tse ba tlaa gang metsi mo go tsone ka dikarata.
Mookamedi wa Debswana, Rre Albert Milton, o ne a lebogela dikhamphani tse di nnileng le seabe mo go tsisetseng Machana.

A re tiro eo, ke sekao sa tirisanyo mmogo fa gare ga puso le dikhamphani tse di ikemetseng.

A re Debswana e kgathala ka matshelo a batho ke sone se e boneng go tshwanela gore e gokelele ba Machana metsi go ba tlhofofaletsa botshelo le go fokotsa mokgweleo kwa metseng e ba ntseng ba a ga metsi kwa go yone.

Kgosi Malope II o ne a akgolela Tautona go nna le seabe mo go netefatseng gore Machana o nna le metsi ka nako ya a le mopalamente wa kgaolo eo.

O ne gape a leboga Debswana go direla merafe e e bapileng le moepo ka botswapelo.

O kopile banni go dirisa metsi ka fa go tshwanetseng, e seng go nosa loruo.

Mopalamente wa Moshupa/Manyana, Rre Karabo Gare, o rotloeditse dikhamphani tse di ikemetseng go tsaya malebela mo go se se dirilweng ke water utilities, Debswana le dikhamphani tse di gwebang natso.  A re popagano eo le tirisanyommogo di tshwanetse go tshweledisiwa gore di tle di solegele Botswana molemo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : MACHANA

Event : pulo semmuso

Date : 26 Feb 2019