WUC e lwantsha tlhaelo ya metsi
26 Feb 2019
Khamphani ya metsi ya Water Utilities Corporation e itse ka seemo sa tlhaelo ya metsi kwa Kanye le mafelo a a bapileng le motse oo.
Mogolwane wa khamphani eo kwa Kanye, Rre Michael Montsho, o tlhalositse jalo fa a rola pego ka seemo sa metsi kwa bokopanong jwa khansele ya kgaolo potlana ya Kanye Administrative Authority (KAA) bosheng. A re ka kgwedi ya Morule, seemo se ne sa bifela pele ka ntlha ya kgaogo ya motlakase.
Se, se ne sa ama didiba tsa Rammonedi le Kgwakgwe tse di dirisang motlakase.
Le fa go ntse jalo, Rre Montsho o tlhalositse fa ba ntse ba leka ka bojotlhe go baakanya seemo le go thusa ka ditanka tsa metsi.
A re nngwe ya ditsela tsa go lwantsha seemo sa tlhaelo ya metsi ke go hira batho ba ba ikemetseng go tshela metsi mo mafelong aa kwa ntle ga Kanye le ntswa go tura.
A re ba goketse didiba tse dingwe kwa Selokolela go tokafatsa seemo.
Rre Montsho a re didiba tse pedi di bereka dioura di le lesome le bofera bobedi ka letsatsi.
O tlhalositse gore mo go tsone dioura tseo, di le pedi di ntsha metsi mo selekanyong sa oura di roba bongwe fa sa boraro se tswalwa go ikhutsa.
Sa boraro se bereka dioura di le lesome mme mo oureng se ntsha selekanyo sa 1 720 ya dilithara tsa metsi.
A re metsi a, a nosa Kanye le Moshupa mme a tlhalosa gore fa a tsena mo Kanye a gorogela mo Sedibeng sa sejelo,a bo a ya ko mafelong a akaretsang Caltex, Matshebe le Mathubapula.
Fa a lekodisa ka seemo sa Lotlhakane East, Rre Montsho o supile fa motse oo le one o amilwe ke letlhoko la metsi, selo se a reng se dirwa ke gore didiba tsa teng di a kgala.
Go rarabolola seemo se, Rre Montsho a re ba tsile go tlhatswa dididba tse dikgologolo jaaka sa Lorolwane go tokafatsa seemo sa metsi.
Rre Montsho a re le fa go ntse jalo ba lebanwe ke tlhaelo ya dikoloi tse di isang metsi kwa bathong. O tlhalositse gore ba solofetse go reka dikoloi tse nne mme go setse go tsile ele nngwe fela, ee tla thusang tse pedi tse di kwa Kanye le e nngwe fela kwa Moshupa. Makhanselara a ne a ntsha matshwenyego a bone ka go farologana.
Mongwe wa bone ke wa kgaolo ya Gasita, Rre Simon Ramaphoi, yo a supileng gore bontlhabongwe jwa motse bo sa le bo tlhoka metsi go tswa ka ngwaga wa 2016.
Fa a a kgwa mokhanselara wa kgaolo ya Lorolwane dikgaba, Mme Binkie Moalosi, yo a neng a lela ka letlhoko la metsi kwa sekolong se se botlana sa Lorolwane, Rre Montsho o tlhalositse fa Lorolwane e le mongwe wa metse e didiba tsa yone di tlhatswitsweng ka Morule. A re le fa go ntse jalo o tla e tsaya mofago go ya go bona gore a bothata ke gore metsi a a mo Sedibeng ga a lekane kana go na le bothata bongwe gape.
Makhanselara mangwe a ne a ngogoregela gore batho ba ba rekang metsi ba tsaya kae teseletso ya teng, ba supa gore go na le batho ba ba tsamayang ba rekisa metsi mo motseng.
Rre Montsho oa re ga gona teseletso ya go reka metsi, fela go na le pompo e fa pele ga koporase ya bone e go gang batho ba ba ikemetseng baba kgethileng go nosa setshaba.
Rre Montsho a re ba letlelela le batho ba ba tshwereng ditiro tsa selegae jaaka manyalo le dintsho, mme ba dira jalo ka go duela.
Fela o gakolotse makhanselara gore fa go na le motho ope fela yo ba mo itseng o rekisang metsi e se ka fa tshwanelong ba romele leina la gagwe kwa go bone.
Le fa go ntse jalo khansele e ne ya dumalana gore go baakanya seemo se sa metsi ke gore batho bangwe ba ba tlhophilweng ba e go kopana le tona wa metsi ba kope di generatara tse di tla bong ka nako tsotlhe di le malalaalaotswe fa motlakase o kgaoga.
Se ele moono o o duleng fa Rre Montsho a tlhalosa gore fa motlakase o boa sediba sone se tsaya nako go tsweledisa tiro ya sone ya go pompa metsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mphoyaone Mothibi
Location : KANYE
Event : phuthego ya khansele
Date : 26 Feb 2019




