BITRI e tlaa emisetsa dipone tsa mekgwatha kwa Moshupa
25 Feb 2019
Mogolwane wa lekalana la Botswana Institute for Technology Research and Innovation (BITRI) kwa Kanye, Rre Sebusang Sebusang a re dipone tsa mekgwatlha di le 475 di tla a emisediwa ka tsa boleng jo bo kwa godimo kwa Moshupa.
E rile a bua kwa phuthegong ya khansele potlana ya Moshupa a bolela fa se, se tsile morago ga gore dipone tse di neng di tsentswe pele di seka tsa dira jaaka go ne go solofetswe.
O tlhalositse fa ba dirile dipone tse disha tse ba solofetse gore di tlaa dira sentle ka jaana ba tsweletse ka go di baya leitlho.
Rre Sebusang a re go okeditswe dikapa molelo tsa dipone tseo go tswa mo bobeding go ya kwa borarong go netefatsa gore di boneesetsa kgakala e bile di nna le molelo o montsi le mo nakong ya mariga, mme a solofetsa gore tiro e, e tla a simolola Mopitlo a le lesome.
E rile a tswa la gagwe, mokhanselara Olebogeng Sethibe a lebogela tshwetso ya BITRI, a tlatsa ka gore ba ntse ba palelwa le ke go araba banni mabapi le go sa dire sentle ga dipone mo motseng.
O ne ntsha kgakololo ya gore puso e ne e tsena mo ditumalanong tse di tseneletseng le dikhamphani tse e di neelanag ditiro gore e re go nna le ditlamorago tsa go nna jaana go bo go na le se ba itsetsepetseng ka sone. A re go gokela dipone tseo ga go a tlela puso ka ditshenyegelo tsa madi fela, a tlatsa ka gore gona le tatlhegelo ya nako le go latlhegelwa ke tshepho ga batho mo ditlamelong tse ba di direlwang ke puso.
Mme Ponatshego Tshiping ene o ne a gakolola BIRI gore mo isagong ba ne ba netefatsa gore ba dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka dithoto tsa bone pele ga ba di anamisa.
O ne gape a kopa BITRI gore e sekaseke mogopolo wa go rekisetsa babwebi ba ba ikemetseng ka jaana dithoto tsa bone di le botlhokwa e bile di ka fetola matshelo a batho segolo bogolo kwa masimong.
Fa a ba kgwa dikgaba Rre Sebusang o ne a kopa maitshwarelo gore dipone tsa Moshupa tse a supileng fa e ne e le tiro ya bone ya ntlha di bo di sa dira jaaka ba ne ba solofetse, a re sebe sa phiri ke gore kwa tshimomologong kakanyo e ne e le gore megopolo e tla atlega le fa go sanke go tlhokega makgwere.
A re ba sekaseka kgang ya go rekisetsa Batswana mo tsamaong ya nako mme a tlhalosa fa seo setla tsaya nako ka jaana BITRI e santse e na le melala ya ditiro lefatshe ka bophara.Ends
Source : BOPA
Author : Mphoentle Gopoadile
Location : MOSHUPA
Event : Phuthego
Date : 25 Feb 2019




