Ngwana ke ngwana - Siele
25 Feb 2019
Molwela ditshwanelo tsa bana, Rre Peter Siele, o kgothaditse borre go emela ka dinao tshireletsego ya ngwana wa mosetsana.
O buile se kwa thuto puisanong ya lekgotla la borre la Ghanzi bosheng.
Maikaelelo e ne e le go buisana ka dikgang tsa kgokgontso le tiriso ya bana ba basetsana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo.
Rre Siele a re borre ba tshwanetse go bua ka dikgang tse ba menne phatla ka menwana e felela e supa bone fa go tla mo ditlhotlhomisong tsa dikgang tsa go phoraphora bana le tsa tlhakanelo dikobo.
O rotloeditse borre ba ba neng ba tsene dipuisano tse go ruta borre ba bangwe go ikgapha mo dikganyeng tsa tiriso ya ngwana wa mosetsana botlhatswa.
Rre Siele o rotloeditse batsadi go tswela kwa ntle mme ba bue ka dikgang tsa kgokgontsho le go lesa go latofatsa le go sireletsa badira molato, ka a re se se leswafatsa bana le go gola ka maikhutlo a a tswenyegileng.
A re melao mengwe ya lefatshe leno e tshwanetse go sekwasekwa ya bo ya fetolwa ka e sa ema kgodiso ya bana sentle.
Mmakaseterata wa Ghanzi, Mme Lecha Loeto, o boletse fa dikgang tsa kgokgontsho ya ngwana wa mosetsana mo kgaolong di sa goroge ka dipalo kwa legotleng le ntswa ba di utlwalela mo motseng.
A re gantsi ba amogela dikgang tsa petelelo le tsa go tshosetsa matshelo, tse gantsi baikuedi ba felelang ba di tsholola.
Bangwe ba bo rre ba supile fa ba tshwenngwa ke seemo sa dikgotla tshekelo tsa lefatshe leno ka ba supa di sa siamela di tsheko tse di akaretsang bana.
Ba ne gape ba kopa ba boipelego go bereka thata le ba sepodisi go fa bana ba dingwaga tse di kwa tlase sebaka sa go phuthologa fa ba begela mapodisi ditiragalo tsa kgokgontsho.
Rre Mahube Setlhare a re puso e tshwanetse go tla ka mananeo a a tlaa tsholetsang itsholelo ya bo mme gore ba seka ba ikaega ka bo rre go ba tshetsa ka se se felela se dira gore bo mme ba seka ba bega dikgang tsa kgokgontsho.
Mme Loeto ene o ne a amogela fa ele boamaruri lefatshe leno le tlhaelelwa ke dikgotla tshekelo tsa bana mme a supa fa puso e iteka ka mo botsheng go butswe e nngwe ko Gaborone mo Broadhurst.
A re go na le thulaganyo e ditsheko tsa bana di sekwang ka yone e le go ba sireletsa gore ba phuthuloge, fa dikgang tse di tsena setshaba gase letlelelwa go di reetsa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lemogang Madumane
Location : GHANZI
Event : GHANZI
Date : 25 Feb 2019




