Baeteledipele ba a kgalema
25 Feb 2019
Makhanselara le dikgosana kwa Serowe ba kgadile bagolo bangwe ba ba romang bana ba bannye go ba rekela bojalwa le motsoko.
Baeteledipele ba buile se kwa thuto puisanong kwa Serowe morago ga go lemoga fa bana bangwe ba sotlega fa ba bangwe ba setse ba inaakantse le nnotagi le botlhokatsebe ba sa le bannye.
Ba boletse fa go ngomola pelo gore bana ba bo inaakantse le go nwa majalwa, go goga motsoko le go tlhakanela dikobo ba santse ba le bannye.
Mokhanselara wa Tidimalo kwa Serowe ebile e le modulasetilo wa komiti ya boipelego, Rre Solomon Dikgang, o boletse fa go rongwa mo go ntse jalo go dira gore ngwana a lekeletse se a se rumiwang mme pheletsong a bo a nwa bojalwa.
O boletse fa jaanong go setse go na le kgang ya gore bana bangwe ba tsaya dipilisi tsa diritibatsi ba di tlhakanya le mantle a bone ba bo ba dira tagi.
Rre Dikgang o kopile gore batsadi ba sebopego se se ntseng jalo ba begwe kwa molaong ka gore ba kgotlela bokamoso jwa bana.
O boletse gape gore go na le balemi-barui bangwe ba ba tsayang bana ba ba isa kwa merakeng go ba disetsa bogolo jang ba batsadi ba bone ba tlhokang, a re selo seo ke molato ebile go rontsha ngwana thuto.
O boletse fa mo kgaolong potlana ya Serowe, ba kwadisitse masiela le batlhoki ba le 1 434.
‘’Batsadi bangwe ba na le puo ya gore ngwana ke wa mmaboipelego, ba mo ithontsha ba sa mo fe lerato le go mo godisa sentle,’’ Rre Dikgang a tlhalosa.
Mokhanselara yo mongwe wa Serowe legare, Rre Atamelang Thaga, o kgothaditse batsadi go fa bana ba lerato le thuto e e eletsegang.
A re ba rute bana molemo le bosula, ba tswe mo go romeng bana majalwa le go dira ditiro tse di maswe fa pele ga bone, le fa ele go omana fa pele ga bana.
Fa ba fa bopaki ka fa ba lekang go kgothatsa bana ka teng, leloko la komiti ya tshireletso bana ebile e le morutabana wa bokaedi kwa sekoleng se se botana sa Majwanaadipitse, Mme
Obakeng Mbaiwa o boletse fa ba leka thata kwa motseng oo, go bopa bana ka go etela metse ya bana le batsadi ba ba sa ba tlhokomelegeng sentle, go bona gore ba ja sentle bogolo jang ba dikhutsana.
Mme Mbaiwa o boletse fa ba ba etela eseng go ba botsolosa dipotso fela, gape le go ba lemela ditlhare ma maungo le meriti.
A re nako tse dingwe ba phutha badiragatsi kwa metseng gore ba tle go opelela bana le go ba ruta gore ba letsa jang, a re ka nako tse dingwe ba tsaya loeto jaaka go etela ko lefelong la diphologolo la Khama Rhino, mme koo ba tseye dikgang le go ba fa dikgakololo gore ba ikgaphe mo dilong tse di maswe jaaka go nwa majalwa, go tshaba sekole le go tlhakanela dikobo.
Erile a bua ka mathata a a kgoreletsang maiteko a bone a bolela fa komiti e bona mathata ka nako ya fa batsadi ba ba berekang Ipelegeng, dikatso tsa bagodi le badisa ba amogetse a re go nna tlhakatlhakano ga gona mogolo le ngwana go nowa majalwa go a lowa ebile bana ba tlogela sekole ba sia le batsadi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamsio Mosetlha
Location : SEROWE
Event : puisanyo
Date : 25 Feb 2019




