Bomme ba gakolotswe go emana nokeng
25 Feb 2019
Mogolwane wa African National Congress (ANC) Dr Phophi Ramathuba o gakolotse bomme ba Botswana Congress Party (BCP) go emana nokeng gore ba kgone go bona maemo a boeteledipele mo phathing le kwa palamenteng.
Dr Ramathuba o buile jaana kwa pulong semmuso ya phuthego kgolo ya bomme ba BCP e e neng e tshwaretswe kwa Selebi Phikwe ka Matlhatso, kwa a tlhalositse fa bomme ba mafatshe a Afrika ba tshwanetse go itshupa mo mafatsheng a bone fa ba na le bokgoni jwa go tshegetsa maemo.
Avre nako e tsile ya gore bomme le borre ba kgaogane memo a boeteledipele ka go lekana ka bomme ka bontsi ba ba mo maemong a boeteledipele ba itshupile fa ba na le bokgoni.
Dr Ramathuba o boletse fa go neela bomme maemo a boeteledipele go tlaa dira gore baeteledipele ba mafatshe ba kgone go bua ka dikgang tse di amang bomme motlhofo ka ba tlaa bo ba na le kemedi.
O tlhalositse fa go salela morago go bua le go tsaya ditshwetso ka dikgang dingwe tse di amang matshelo a bomme di tshwana le kgokgontsho ya bong go dirwa ke go tlhoka kemedi ya bomme mo boeteleding pele jwa lefatshe.
O kgothaditse bomme ba BCP go simolodisa lekgotla la bomme le le tlaa buisanang le boeteledipele jwa lefatshe le diphathi tsa sepolotiki gore maemo a simolole go kgaognwa ka go lekana le mo go emeleng ditlhopho tota.
A re basetsana ga ba a tshwanelwa go kgaphelwa ntle fa bomme ba abelwa maemo a boeteledipele, ka go ba akaretsa go ka dira gore ba gole ba na le bokgoni jwa boeteledipele.
Dr Ramthuba yo gape e leng molwela ditshwanelo tsa batho o ne a rotloetsa bomme ba ba mo maemong a boeteledipele go dira tiro ya bone ka bokgabane gore ba nne sekao mo go ba bangwe.
Mothusa meteledipele wa BCP Dr Kesitegile Gobotswang o tlhalositse fa phuthego ya diphathi tsotlhe tsa sepolotiki tsa Botswana e e neng e tshwerwe bosheng e dumalane gore mo maemong a mapalamente a a itlhophetsweng, bomme ba neelwe a le mane.
A re diphathi tsotlhe di ne tsa dumalana se, ka ba ne ba dumela fa e le kgatelopele mo go akeretseng bomme go nna le seabe mo maemong a boeteledi pele jwa lefatshe. A re sengwe se se tshwenyang ke go bona palo ya bomme ba diphathi tsotlhe mo Botswana ba ba emetseng ditlhopho tsa bopalamente le bokhanselara e le kwa tlase.
A re diphathi di tshwanetse go simolodisa tsamaiso e e tlaa neelang bomme le borre sebaka se se lekanang go emela ditlhopho.
Mongwe wa bagolo ba BCP Mme Crestina Koma o ne a rotloetsa bomme go ititaya ka thupana go lwela ditshwanelo tsa bone tsa go gaisanela maemo a boeteledipele, a tlhalosa fa go akaretsa bomme mo boeteleding pele jwa lefatshe go tlaa dira gore dikgang tse di amang matshelo bone di kgone go rarabololwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : SELEBI PHIKWE
Event : pulong semmuso ya phuthego
Date : 25 Feb 2019




