Breaking News

Boitseanape jwa tiriso ya khomputara bo botlhokwa

25 Feb 2019

Moeteledipele wa motlobo wa dibuka kwa Palapye, Rre Mackenzie Moabi o gwetlhile setshaba go ithuta go dirisa dikhomputara le maranyane.

Rre Moabi o boletse fa ba lemogile botlhokwa jwa go ruta setshaba tiriso ya dikhomputara.

A re go ne ga tlhangwa lenaneo la Sesigo ka 2010, le tshwaraganetswe ke lephata la banana le Bill & Melinda Gates Foundation maikaelelo e le go tlhatlhelela setshaba dithuto ka dikhomputara le maranyane.

Rre Moabi a re Bill & Melinda Gates e ne ya ba abela dikhomputara le go ruta babereki ka tsone. A re dithuto di tsaya dikgwedi tse tharo gore moithuti a bo a alogile mme ba na le baithuti ba le masome a mararo le boraro ba e tlaa reng ba fetsa dithuto ba abelwe ditlankana. Rre Moabi o tlhaloseditse BOPA fa ba ipeetse seelo sa go alosa baithuti ba le masome a mabedi le boferabongwe mme go se motlhofo ka bangwe ba felela ba tlogela mo tseleng.

A re baithuti ba rutwa tiriso ya khomputara ya tsatsi le letsatsi jaaka go kwala makwalo le tse dingwe jaaka PowerPoint le Excel. “Dithuto di kgaogantswe ga bedi. Go na le tse di tsenang mo mosong le mo motshegareng e le go neela moithuti mongwe le mongwe sebaka ka re itemogetse fa dikhomputara di sa lekane batho,” Rre Moabi a tlhalosa.

Rre Moabi a re dithuto di tsenwa ke batho ba dingwaga tse di farologaneng, bogolo jang banana ba ba fa gare ga 20 le 35 fa bagodi bone ba le palo-potlana. A re maduo a a nametsa ka bangwe ba boela kwa go bone ka bopaki jwa gore se ba se ithutileng se ba tswetse mosola mme go ba tiisa moko go bereka ka natla go ntsha dialogane tsa maemo a ntlha. Dikgwetlho tse ba kopanang natso a re ke tlhaelo ya dikhomputara le baithuti ba ba tlogelang mo tseleng.

O gwetlhile setshaba gore se seka  sa itsapa. Mongwe wa baithuti, Mme Betty Nkawana wa dingwaga tse 52 o tlotlomaditse bodiredi a re o ne a sena lesedi fa go buiwa ka tsa maranyane mme dithuto di mmutse matlho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kutlo Orman

Location : PALAPYE

Event : puisanyo

Date : 25 Feb 2019