Breaking News

Barutabana ba akgola baithuti

25 Feb 2019

Barutabana le batsadi ba Metsibotlhoko ba ne ba tshwere moletlo wa go akgola bana ba sekole sa Metsibotlhoko ba ba dikileng ba dirile sentle mo lekwalong la bosupa.

Fa a ntsha la gagwe, sebui sa tlotla go tswa kwa lephateng la boagedi le bong Rre Lekgotla Phiri, o ne a supa fa bana ba sekole sa Metsibotlhoko ba gaisitse bana ba kgaolo ya Kweneng Bophirima yotlhe ka maduo a AB, ka jalo ba tlhoka go phophothiwa legetla.

O tlhalosistse fa maduo ao a 2017 a ABC, e ne e le 69.2 per cent mme gompieno e le 88.9 per cent.

O boletse fa lephata la thuto le abetswe serwe sa 25 per cent mo kgaoganyong madi a setshaba, a re se, se supa fa puso e itlamile go tokafatsa boleng jwa thuto.

Rre Phiri o tlhalositse fa thuto e le lesedi, a supa fa bana ba dirile sentle le ntswa ba le kwa motseng o o kgakala le ditlamelo.

O rotloeditse bana ba sekole sa Metsibotlhoko gore ba seka ba digela maduo a bomogoloabone kwa tlase, a kopa gore ba a tsholetse go feta a gompieno mo ditlhatlhobong tsa monongwaga.

O akgotse gape barutabana, a supa fa go dira sentle ga bana go sa tla fela, mme go supa fa go ne go na le lenaneo le le neng le setswe morago ke barutabana le baithuti.

Bana ba ba dikileng ba dira lekwalo la bosupa ba ne ba le lesome le borobabongwe ka palo, ba le barataro ba tsere A, ba supa ba tsere B, ba le bararo ba tsere C, fa ba le babedi ba tsere D le E.

Eddie Mmutlana o ne a tsaya tlotla ya ngwana yo o ba gaisitseng botlhe.

Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, mothusa mogokgo wa sekole seo Mme Binny Tapedzisa o ne a supa fa ba ne ba lemoga bana le barutabana ba ba dirileng ka bokgabane.

O supile fa maikaelelo a mangwe e ne e le go lemoga bana ba ba sa dirang sentle mme ba iteka le ba ba dirang sentle mo go tsa metshameko.

Moithuti wa pele wa sekole seo Maipelo Raselepe, o supile fa ba ne ba bereka ka natla ba sa kgothakgothwe, a supa gore e sa le e re go tloga ka mophato wa bobedi maduo a bone a bo a sa itumedise, mme e rile fa ba dira lekwalo la bosupa ba itoma molomo wa tlase.

O supile fa gape ba kgontshitswe go dira sentle ke go tlotlana ba bo ba tlotla le barutabana.

Fa a amogela baeng Kgosi Bafentse Moatshing a ne a supa fa ba lebogela ditlhabololo tse di dirwang mo sekoleng seo jaaka matlwana a borutelo le matlo a barutabana.

O supile fa ba na le matshwenyego a motlakase o o diegang go tshuba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : METSIBOTLHOKO

Event : MOLETLO

Date : 25 Feb 2019