Leruo le le gobeyang kwa Maun ga le robatse khansele
24 Feb 2019
Khansele ya Bokone Botlhaba ga e robatswe ke leruo le le gobeyang mo motseng kwa Maun.
Fa a bua kwa bokopanong jwa badiri ba khansele le dikgosi kwa Maun bosheng, mogolwane wa khansele, Rre Dan Olerilwe, o boletse fa go le botlhokwa gore bogogi bo tswe ka tharabololo ya seemo se.
A re leruo le le sa tlhokomelweng le baka dikotsi tsa tsela le go phatlalatsa matlakala.
Rre Olerilwe o ne a supa fa boeteledipele jwa kgaolo bo itse fa leruo le le botlhokwa mo matshelong a batho, ke sone se go tshwanetseng ga batliwa tharabololo.
A re khansele e na le melawana e e lefisang beng ba leruo le le sasankegang madi, mme a re go turela barui.
A re khansele le yone e turelwa ke go tlhokomela leruo la go nna jalo.
Ka jalo, Rre Olerilwe o ne a gatelela botlhokwa jwa go sala morago melawana le ditumalano gore leruo le seka la gobeya mo motseng.
Kgosi Cosmos Lelathego wa kgotla ya Moeti kwa Maun a re go ka nna le tema fa go ka agiwa terata e e kgaoganyang mahudiso le kwa go nang le ditlhabologo teng.
A re le fa go na le moalo o o kgaoganyang Maun ka tiriso, go thata go kganela leruo ka lone le dupa ditlhare le noka ya Tlhamalakane ee ralalang motse.
Kgosi Prince Shashe wa kgotla ya Shashe ene a re khansele e dirile melao mengwe e sa rerisa dikgosi le morafe, a re ke sone se go se nang katlego ya go ntsha leruo mo motseng.
A re terata e e kganelang diphologolo tsa naga go kopana le leruo e gautshwane le motse, a re gongwe ke sone se leruo le ganelelang mo motseng, a re terata eo le yone e busetswe kwa morago sekgalanyana.
Kgosi Babinang Majatsie a re khansele e tshwanetse go gagamatsa molao ka go lefisa barui ba ba lesang leruo le gobeya, a re seo ke sone se ka thusang, a bolela fa leruo leo le leswafatsa motse wa Maun oo leng konokono mo go tsa bojanala.
Mogolwane wa moalo wa lefatshe kwa khanseleng, Rre Tumelo Shabani, o ne a tlhalosa fa moalo oo o mo tirisong wa 1997 o kgaogantse kgaolo ya Maun ka tsa temo thuo, tsa diofisi, tsa tsela, tsa dikgwebo le tse dingwe, mme a re ke molato go bona leruo le gobeya mo motseng. Ends
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : bokopanong jwa badiri ba khansele
Date : 24 Feb 2019




