Baithuti ba ngongoregela seabe sa batsadi
24 Feb 2019
Baithuti ba sekolo se sebotlana sa Monwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba re ga ba itumelele seabe sa batsadi mo go rotloetseng thuto ya bone.
E rile ba bua kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke bagolwane ba lephata la thuto bosheng, baithuti ba supa fa bontsi jwa batsadi ba sa tsee thuto tsia.
Mongwe wa bana bao, Tumelo Kenosi, yo o dirang lekwalo la bosupa, o kaile fa batsadi ba sa ba rotloetse go rata tiro ya sekolo.
A re batsadi ga ba dirise mafoko aa siameng fa ba bua le bone fa a ba tshwantshanya le barutabana.
Tumelo o supile fa bana bangwe ba sa tsene sekolo sentle mme ba feta fa sekolong pa pagame ditonki go ipontsha le go ikgantshetsa barutabana.
Othusitse Ketlaamoreng, yo le ene a dirang lekwalo la bosupa, o supile fa batsadi ba sa kgalemelele bana ditiro tse di sokameng jaaka go tsamaya maitiso, fa Masego Mokgaring, yoo dirang lekwalo la boraro, ene a kopile batsadi go ba ntshetsa madi aa tlhokiwang kwa sekolong.
E rile a tswa la gagwe, mogolwane mo lephateng la thuto mo kgaolong potlana ya Letlhakeng Rre Mokwadi Tese a supa fa thuto e tlhoka motsadi, ngwana le morutabana.
A re ngwana o tshwaraganelwa ke batsadi le barutabana.
Rre Tese o kaile fa ngwana yo o sa tshwaraganelweng a nna makgasa, mme a seka a dira sentle mo dithutong.
O boletse fa go tlhoka go tsena diphuthego ga batsadi ele nngwe ya ditsela tse di kgotlelang setho sa baithuti le go ama maikutlo a bone.
Rre Tese o kgadile a sa kgwe mathe, batsadi ba a reng ba bua barutabana leswe, ka a re puo nngwe le nngwe e bana ba e utlwang, ba a e dumela mme ba e tseele le mo dithutong tsa bone.
A re go dira jaana, go paledisa ngwana go ithuta ka a sa bone morutabana ka sepe fa a ruta.
A re mo dinakong tse dingwe, batsadi ba kgoba bana marapo ka go bua dipuo tse fapogileng ka barutabana, bagolo ba bangwe le baeteledipele ba morafe ba akaretsa dikgosi le dikgosana tsa motse.
Rre Tese o ne gape a supa fa sengwe le sengwe se ngwana a se dirang mo bonnyeng se gola le ene, a re ka jalo go botlhokwa go godisetsa bana mo tseleng ya tshiamo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : LETLHAKENG
Event : phuthego
Date : 24 Feb 2019




