Breaking News

Tlhokomelo ya balwetse konokono ya boitekanelo

24 Feb 2019

Modulasetilo wa  baithaopi ba ba tlhokomelelang balwetse kwa malwapeng, Mme Bosenyegile Phuthego, a re tlhokomelo ya balwetse ee lolameng e bile e le phepa e rotloetsa pholo.

O buile se bosheng fa komiti e, e ne e abela balwetse ba ba tlhokomelelwang kwa malwapeng dimpho kwa kgotleng ya Rakgomo kwa Serowe.

Komiti e ne ya abela balwetse ba le lesome le botlhano dikolotsana (wheel chairs) di le tharo, dikobo le melora, tse tsotlhe di lopileng P27 000.

A re mowa wa boithaopo o botlhokwa ka puso ka yosi e ka se kgone, a supa gore ntle le boithaopo jwa bone, go ne go se motlhofo go fitlhelela dikeletso tsa bone ka ntata ya letlhoko la madi.  

Mme Phuthego a re ba ithaopile ba setse morago lefoko la modimo le le reng rata mongwe ka wena jaaka o ithata.

Ntswa komiti e e simolotswe ke bomme ba le masome a mane le bongwe le rre ale mongwe fela yo o sa tlholeng a le botshelong. mme jaanong e na le maloko a le masome a matlhano le bongwe.

A re kwa tshimologong ba ne ba na le dikgwetlho tse dintsi ka bangwe ba ne ba kganelwa go tsena mo malwapeng, bangwe ba ba bitsa maina, mme seo sa seka sa ba kgoba marapo.

Mme Phuthego a re ba ne ba dira  jalo ka lerato  ba sa amogele sepe, ebile ba tsamaya ka dinao ba tlhola balwetse.

A re ke ke seo ba neng ba thulanya ditlhogo, ba tswa ka methale ya go kgobokanya madi jaaka maitiso a meopelo le go  rekisa dijo.

Mme Phuthego o ne a kgothatsa morafe go tlhagafalela  tlhokomelo ya balwetse.

O ne a akgola baithaopi ba Community Home Based Care, ba botsogo le morafe go bo ba supile maitlamo mo go fitlheleleng moono wa bone.

Mongwe wa baithaopi yo o neng a eteletse komiti e e neng e baakanyetsa moletlo o , Mme Lesego Ngwako a re ba ne ba kopa dithuso mo bagwebing go re batle ba kgone go atlega. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Mbaeva

Location : SEROWE

Event : komiti e tlhokomelang balwetsi

Date : 24 Feb 2019