Breaking News

Komiti e rotloetsa tshireletso ya bana

24 Feb 2019

Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Serowe, Rre Collen Tubego, a re bana ba tshwanetse go sirelediwa ke batsadi le molao ka nako tsotlhe.

Rre Tubego o ne a bua ka boikarabelo jwa ofisi ya ga molaodi mo tshireletsong ya ngwana mo kgokgontshong kwa thuto pusanyong ya tshireletso ya ngwana kwa Serowe bosheng.

Mothusa molaodi o boletse gore kgokgontsho ya bana e ntsi thata, mme batsadi bangwe ba bipa mpa ka mabele e bile ga ba bege dikgang tse di sa tlhamalalalng tse di diragalang kwa malwapeng mangwe.

O kgadile dikereke dingwe, barutabana, bo ra-bana le bo malome bangwe, a re ba kgokgontsha bana go akaretsa le mo go tsa tlhakanelo dikobo.

Rre Tubego a re ofisi ya ga molaodi e okametse komiti ee sireletsang bana, mme o ne a kopa dikomiti tsa metse gore le tsone di eme ka dinao go lwantsha kgokgontsho ya bana ko metseng ya bone.

A re go mefuta ele mentsi thata ya kgokgontsho ee dirwang mo baneng, mme batsadi bangwe ba a di loba mme mo go felatsang ngwana o kgona go gola ka pelo ee botlhoko.

“Ditshwanelo tsa ngwana di tshwanetse go tlotlwa ka nako tsotlhe go mo sireletsa, di seka tsa tsuololwa, ba direlwe sentle eseng jalo, molao wa bana o tla berekisiwa,’’ a tlhalosa.

Molaodi o nnile kgatlhanong le kgethololo ya bana ee diragalang mo mafelong ka go farologana, mme go sa begwe sepe, mme a kopa gore dikomiti tse di tlhophilweng mo metseng e nne matlho a komiti e tona ya ga molaodi ka ke bone ba bonang sengwe le sengwe se se diragalang.

O ba laetse go ya go sukunyolola kgokgontsho e e sa bolelwang gore babelaelwa ba lebisiwe molato.

Phuthego e ne e tsenwe ke bnni ba metsana ya Serowe bophirima, bokone le borwa e go bolelwang kgokgontsho e ile magoletsa thata kwa go yone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : thuto pusanyong

Date : 24 Feb 2019