Manweenwee a tsietsa monni wa Kanye
24 Feb 2019
Mapodisi a Kanye a tlhotlhomisa kgang e mo go yone rre mongwe a tseetsweng madi ka bokukuntshwane.
Mookamela mapodisi a Kanye, Superintendent Mmoloki Mogale, a re tiragalo eo e diragetse ka Labobedi ka nako ya lesome le motso mo mosong kwa marekisetsong a Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB).
A re e ne ya re rre yo wa dingwaga tse masome matlhano le borataro wa kgotla ya Logaba a tswa mo mareketsong a bona monna mongwe mme a mo raya a re o digile madi fa tlase ga koloi.
Rre Mogale a re fa mongongoregi a inama go bona madi a go tweng o a latlhile a fitlhela madi aa ka tshwarang P200 mme a tlhalosa fa e se a gagwe.
Rre Mogale a re rre yoo wa mosamarea o ne a itseela madi ao mme a bo a kopa rre wa mongongoregi go mo pega ka a ne a tswela ntlha ya dishopo.
A re e ne yare mo sekgaleng sese khutshwane ba sena go tswa fa koporaseng borre bangwe babedi ba ba emisa ba itirile mapodisi a sephiri, ba supa fa utlwaletse gore borre bao ba tshotse madi mangwe mme ba kopa go a tlhola mogo bone.
O ne tswelela a tlhalosa fa e ne ya re borre bao ba ntse ba tsweletse ba ba phuruphutsha mo dikgetsing tsa rre yo a neng a tsiediwa ba tsaa ka boherehere dikarata tsa banka, ya mongongoregi le mosadi wa gagwe.
Ka jalo ka ntlha ya letshogo ba ne ba tsaya dikarata tseo a sa lemoge mme rre yo fa a goroga kwa lwapeng a botswa ke mosadi wa gagwe gore o ne a ntshetsang madi a mantsi mo bankeng.
A re mongongoregi o ne a hakgamala ka a ne a ise a ntshe madi mme mosadi a kaya fa a amogetse molaetsa wa banka gore go ntshitswe dikete tse di lesome le boferabobedi, mme monna ya re segaufi fela le ene a amogela molaela wa banka wa gore P2 000 o ntshitswe mo letloleng la gagwe, mme madi otlhe a a utsulweng ya nna P20 000.
Rre yo o tsieditsweng yo, a re ka ntata ya letshogo ga a gakologelwe a neela borre bao nomore ya sephiri ya banka.
Superintendent Mogale a re ba mo patlong ya dilalome tseo, mme a supa letshwenyego ka ditiragalo tsa mohuta o, ka e le ya bone e diragala mo kgaolong ya gagwe, mme a gwetlha setshaba go ikelatlhoko mo dilalomeng tse, ka bontsi jwa nako ba simolola tsietso ka go kopa mosepele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Khumoyame Laetsang
Location : KANYE
Event : tlhothomiso
Date : 24 Feb 2019




