Breaking News

Nnotagi e diphatsa mo matshelong

21 Feb 2019

Kgosi Mogotsi Marotwane wa Machana o tlhagisitse fa tiriso botlhaswa ya nnotagi e tsenya matshelo a batho  mo diphatseng.

E rile fa a bua mo potsolotsong Kgosi Marotwane a tlhalosa fa tiriso botlhaswa ya nnotagi e ama maitseo le botsogo jwa motho, a tlhalosa fa diritibatsi le nnotagi di setse di fetogile bolwetse mo motseng.

O ne a tlatsa ka go re go dirisiwa motokwane ga mmogo le go iphetisa dino mo go amang banana ka bontsi.

O ne a kopa batsadi gore ba seka ba ipona tsapa go kgalema ga mmogo le go tswa ka tharabololo ya sennela ruri tebang le seemo se.

O tlhalositse fa ditlamorago tsa nnotagi di sa jese monate gotlhelele, a tlatsa ka go re go  nnile le dintwa tse di bakileng dikgobalo ga mmogo le dintsho.

A re go latlhegelwa ke setho se Batswana ba itsegeng ka tsone go godile, mme jaanong go tiriso matlhapa le maitseo a a makgapha, selo se a tlhalositseng fa se goga serodumo sa lefatshe mo seretseng.

A re tiriso ya nnotagi e baka gape kanamo ya malwetse a dikobo ga mmogo le mogare wa HIV ka jaana go le gantsi e baka dipetelelo. “Baji ba motokwane le bojalwa go le gantsi ba latlhegelwa ke taolo ya maikutlo, go itseela dikobo ntle le tumalano ke selo modiro mo go bone,” o buile jalo.

O ne a tlhalosa fa motokwane o gogelwa fela mo pontsheng, a tlatsa ka go re bogologolo o ne o gogwa mme e nna phitlhela, seo e le go supa tlotlo le go sisimoga batsadi.

A re bojalwa bo ne bo nowa ke bagolo mme gape bo nwelwa mo selekanyong, e bile bo nowa ka dinako tse di rileng. “Malatsi a ke mokgabo go ja motokwane. Bojalwa ga ke bue, go tsogelwa mo go jone.

Bana le bagolo ga go na pharologanyo,” a tlhalosa.

A re mangomo ke gore bomme ba e leng bone thari ya setshaba le bone ba itepatepantse le tiriso ya nnotagi, selo se a kaileng fa jaanong se baka tsukatsukano mo malwapeng e bile se beile kgodiso ya bana mo diphatseng.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Marotwane o ne a tlhalosa fa puso e dirisa madimadi go alafa malwetse a akaretsa jwa tlhaloganyo jo gantsi bo itiretsweng ka bomo ga mmogo le jwa AIDS.

A re keletso ya gagwe ke gore puso e gagamatse phogwana botlhe ba dikgang tsa motokwane le nnotagi ka jaana dikatlholo di le kwa tlase e bile di sa dire sepe go reba bagwebi ba ditagi bogale le ntswa ba beile matshelo a setshaba mo kotsingBOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mphoentle Gopaadile

Location : Machana

Event : Potsoloso

Date : 21 Feb 2019