Breaking News

Kgosi o kopa banni go tsenya letsogo

21 Feb 2019

Mothusa Kgosi wa Palapye, Kgosi Michael Maforaga o kopile banni ba Palapye go tswa ka megopolo e e ka tlhabololang motse le go aga bana.

Kgosi Maforaga o buile seo mo  phuthegong ya kgotla e e neng e rulaganyeditswe go rotloetsa morafe go busetsa serodumo sa ngwao mo motseng.

Maikaelelo a mangwe a phuthego eo e ne e le go rotloetsa batsadi go nna le seabe mo kgodisong ya bana, go dirisa dikgotla tsa tetlanyo, go somarela ngwao, go rotloetsa lenaneo la ‘Re a nyalana’, go gakolola ka dikgang tsa boswa le go rotloetsa banana go tsena diphuthego tsa kgotla.

O tlhalositse gore kgodiso ya ngwana e tlhoka batsadi boo babedi le morafe ka kakaretso go mo lemotsha ditiro tse di molemo le tse di bosula mo botshelong a sa le monnye gore a gole a itlhaloganya.

“Re le dikgosi le banni ba motse re tlaa ema ka dinao go bona gore dilo tsa mofuta o di a dirwa ka gore Batswana ke batho ba ba itlotlang, e bile ba tlotlana, mo go simololang fela ka madume,” Kgosi a tshwaela.

Mo go tse dingwe, kgosi o rotloeditse morafe go tsaya dikgotla tsa tetlanyo tsia ka go rerisa dikgosi tsa dikgotla tseo dikgang pele ba di isa kwa kgotleng e tona.

O kaile fa kgang e tshwanetse go simololwa kwa lwapeng, e bo e feta ka kgotla ya tetlanyo pele e ya kwa kgotleng ya motse, a tlatsa ka gor e kgang e tshwanetse go tla kwa go bone e na le motlhala.

Kgosi Maforaga a re go nna mmogo ga ga mme le rre ba sa nyalana ka fa molaong go borai, ka gore ke gone mo go dirang gore baratani ba bolaane fa ba na le tlhoka kutlwisisanyo ka ba sa laiwa ka nyalo le go tshela mmogo.

A re batsadi bangwe ke bone ba rotloetsang dikgang tsa mofuta o, ka ba letlelela bana go nna mmogo ntle le kgalemo le kgakololo epe, e bile gape fa ba kubetsana ga go na ope yo o kopang thuso, a tlatsa ka go re ‘e anyang e leletse e ruta e maleng’.

O gwetlhile baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana go ikwadisetsa lenaneo la ‘Re a nyalana’ mo kgotleng gore ba tle ba rurifadiwe fa ba nyalane ka fa molaong le go fiwa setlankana sa lenyalo, se a tlhalositseng fa se tshwana fela le sa kwa ga molaodi, e bile go se turu.

Kgosi a re batho ba Palapye ba tshwanetse go dira ditiro tsa ngwao jaaka go nna le letsatsi la go bolotsa letsema, dikgafela le letsatsi la go ipelela ngwao mo motseng gore ba nne le seriti gore ke Batswana tota ka go amogana dingwao ka mefuta ka Palapye e le makgatlhanela thapong.

O kopile banana go tsena diphuthego tsa kgotla ka bontsi go ithuta tse di buiwang kwa dikgotleng, a re di ka ba ruta go nna le boikarabelo.

Kgosi Maforaga o solofeditse go anamisa diphuthego tsa kgotla mo maranyaneng a Facebook ka banana ba tlhola mo go one, a re gongwe ba ka tla ka bontsi.

Fa a iteela kobo moroko, Kgosi Issac Lebang wa Boikago a re go bua ka go nna mmogo batho ba sa nyalana e setse e kete ba obola ntho legogo, ka batho ba le bantsi ba dira jalo, mme ba na le tlhong ba sa batle go ikwadisetsa ‘Re a nyalana’. Kgosi Lebang a re ga go na dikgang tse di tlhabang jaaka tsa baratani ba sa nyalana ka fa molaong.

Mongwe wa banni ba motse, Rre Robert Kealotswe a re monna wa Setswana o tshwanetse go nna a kgabola fa kgotleng go ya go utlwa ka dikgang le ditlhabololo tsa motse, ka seo se rotloetsa therisano le kgolagano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kealogile Diloro

Location : Palapye

Event : phuthego

Date : 21 Feb 2019