Dithatho o bolokwa ka Matlhatso
21 Feb 2019
Rre Keolopile Dithatho, yo lentswe la gagwe le neng le tlhagelela thata mo dithulaganyong tsa diromamowa ka go farologana, o tlaa bolokwa kwa Ghanzi ka Matlhatso
Rre Dithatho o tlhokafetse kgwedi eno e le lesome le borataro kwa kokelong e potlana ya Ghanzi morago ga go lwala lebaka le le leele.
E rile Rre Dikitso Kolokose, yo e leng ngwana wa moswi a bua mo potsolotsong, a bolela fa Rre Dithatho a tsenwe ke bolwetse ka ngwaga wa 2017.
Rre Kolokose a re bolwetse bo ne jwa simolola go mo gatelela ngwaga o o fetileng o ya fifing. “Fa e sale ngwaga ono o simolola bolwetse bo bo bo tsaya phekelo e sele go fitlhelela a tlhokafala.
Rre Dithatho o tshotswe ka 1947 kwa Tshane kwa Kgaolong ya Kgalagadi, mme o ne a ya kwa Ghanzi ka tiro.
E rile Mme Leinaemang Gaborakanelwe yo e leng mmamalomaagwe Rre Dithatho a bua ka moswi Dithato a tlhalosa fa e ne e le motho yo o ratang batho le go itshetsa ka diatla.
Mme Gaborakanelwe o ne a tlhalosa gape fa moswi e ne e le motho yo o ratang boammaaruri a sa batle dilo tse di sa tlhamalalang.
Mme Edith Nkagisang Gaitote a re Rre Dithatho ke motho yo o neng a ila bojalwa lebaibai.
Mme Gaitote a re morago ga go tlogela tiro ka bogodi Rre Dithatho o ne a inaakanya le temo-thuo go fitlhelela a tlhokafala.
A re sengwe le sengwe sa gagwe o ne a sedirela mo Ghanzi, ka jalo phitlho ya gagwe e tlaa tshwarelwa mo Ghanzi ka Matlhatso.
Moswi o tlogela bana ba roba bobedi; basimane ba le batlhano le basetsana ba le bararo le bomonnawe ba le babedi. Ends
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : potsolotso
Date : 21 Feb 2019




