Breaking News

A re se thanye le le tsebeng Siele

20 Feb 2019

Molwela ditshwanelo tsa bana wa lekgotla la ditshaba le le itebagantseng le tlhokomelo le kgodiso ya bana la UNICEF, Rre Peter Siele a re fa Batswana go ka seka ga engwa kgatlhanong le tiriso botlhaswa ya bana go santse go na le nako, lefatshe leno le ka iphitlhela le duba thankga.

Rre Siele a re fa Batswana ba ka seka ba ikela tlhoka,bokamoso jwa baeteledipele ba ka moso bo ka ba tswa ka diphatlha tsa menwana, kgabagare lefatshe la lalthegelwa ke dikitso tsa go tsamaisa itsholelo ka ntata ya gore bokamoso jwa lefatshe e leng bana ga ba a sirelediwa.

A re batsadi ba tshwanetse go sireletsa bana gore ba tshware dingwaga tsa go direla le go etelela lefatshe pele, e seng jalo lefatshe leno e tlaa re ka moso le bo le tsaya dikitso kwa mafatsheng a sele.”

O buile jaana kwa phuthegong ya kgotla e maikalelo a yone e neng e le go phatlalatsa letsholo la ntwa kgatlhanong le tiriso botlhaswa ya bana la ‘Eseng Mo Ngwaneng’ kwa Ghanzi ka Labobedi.

Rre Siele a re mo nakong e e fitileng, kgodiso ya ngwana e ne e dirwa ka tsela e e faphegileng gore a tshware dingwaga tse di lekaneng gore o ka nna motsadi, a tlhalosa gore gompieno bana ba nna batsadi pele e nna bagolo.

O supile gore bana ba godisiwa botlhaswa, e bile ba dirisiwa mo ditirong tsa tlhakanelo dikobo. 

Rre Siele o supile fa go na le banna ba ba robalang le bana ba bannye ba re ba itlhatswa madi,

“Ga ke ise ke utlwe gope go twe ngaka e kile ya re fa motho madi a gagwe a le leswe o ka a tlhatswa ka go robala le ngwana, mme ke berekile le dingaka,” a tlatsa.

O supile fa dipatlisiso tsa ba thuto e potlana di supa fa bana ba bannye ba amega mo ditirong tsa tlhakanelo dikobo go tswa ka ngwaga tse some e bile dipatlisiso tse di supa gore bana ba tlogela dikole ka ntata ya boimana.

Rre Siele a re go supagetse fa tlhakanelo dikobo e, e diragala fa gare ga bana le batho ba bagolwane mo go bone. 

A re fa ba sena go ba senyetsa bokamoso ga ba ba tlhokomele, ba inaya naga mme maina a bone a sirelediwe go sa sirelediwe ngwana yo o senyegetsweng ke bokamoso.

A re dipego tsa dikgang di kile tsa umaka bangwe mo maemong a sepoloki mo ditirong tsa go dirisa bana botlhaswa.

O ne a gakolola batsena phuthego gore lefatshe la Botswana le na le kgolagano le mafatshe a mangwe go bona gore a bana ba tshwarwa sentle ebile ba beile ditsamaiso tseo monwana.

Rre Siele a re ke gone ka moo e rileng ngwaga o o fetileng mohumagadi wa ga Tautuna Mme Neo Masisi a simolodisa letsholo la ‘Eseng mo Ngwaneng’ semmuso.

A re molao wa bana o tshwnetse go obamelwa e bile go tshwanetse ga nna le dikomiti tse di tlhokomelang matshelo a bana mo metseng le mo metsaneng, go itebanganya le go lwantsha tiriso botlhaswa ya bana.

Mongwe wa banni ba Ghanzi, Rre Bota Setima o ne a supa bomme ka nonwana gore fa borre ba re ba kgalemela bana, ba ema le bana. 

A re fa seemo se se ka tswelela se ka baya bana ka fa mosing, ka jalo a kopa bomme le borre go kopanela kgodiso le go kgalemela bana.

Mme Kabo Stoffel ene o ne a supa fa dikgang tsa kgokgontsho kgotsa tiriso botlhaswa ya bana di tsaya lebaka go sekwa. 

Mme Stoffel o tlhalositse fa batsadi bangwe ba tsogela mo majalweng, ba tlhole koo, mme ngwana a gole a itse gore bojalwa ke dijo.

O ne a kopa gore ba ba isang bana kwa marekisetso a bojalwa le ditagi kgotsa ba ba rekisetsang bana majalwa le ditagi ba gagamalediwe setoropo. 

O ne gape a supa fa borre ba oka bana ka madi le go ba rekela megala ya letheka.

A re batho ba mofuta o ba tshwanetse go ya go disa poo gore bana ba fatlhoge.

E rile a ntsha la gagwe, Rre Ombara Meroro o tlhalositse gore go a tshwenya go bona bana ba etela marekisetso a bojalwa.

Rre Andrew Molatole o ne a kopa gore go simolodisiwe letsholo la ‘ngwana khumo’ fela le le tshwanang le la KgomoKhumo a re le ka ntsha maduo.

Fa a tsibogela mafoko a banni, Rre Siele o ne a supa gore go le gantsi bana ba ba tswang setlhabelo mo tirisong botlhaswa ba tswa mo malwapeng a a tlhakatlhakaneng a batsadi ba ba tsogelang kwa majalweng ga mmogo le malwapa a go nang le dintwa fa gare ga bakapelo kana banyalani.

O ne a dumalana gore letsholo la ngwana khumo le ka tswa ka maduo.

A re o solofela gore go tlaa nna le letsholo la mofuta oo, ka ba kile ba buisana le palamente mo malatsing a a fetileng.

Rre Siele o supile gore batho ba ba betelelang bana ba na le mathata.  “Batho bao ba a lwala, setshaba ga se lemoge ga mmogo le bone ga ba itemoge.” 

O ne a tlatsa ka go re petelelo e kgona go diragalela batho ba batona ba ba aparang sentle e bile e le bagolo.

Mo godimo ga moo, Rre Silele o ne a re kwa matshitshing a mawatle batho ba apara kapari e e supang mebele ya bone mme dikgang tsa petelelo ga di yo koo.

“Ga ke dumele gore ke ka fa go aparwang ka teng, batho ba ba na le mathata mo ditlhaloganyong tsa bone,” Rre Siele a tlhalosa  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Ghanzi

Event : phuthego

Date : 20 Feb 2019