Breaking News

Kgosi o kgala boferefere mo metshelong

20 Feb 2019

Kgosana wa kgotla ya Boikago mo Palapye, Rre Issac Lebang o kgadile batho ba ba direlang ba bangwe boferefere fa go tla mo mererong ya tsa metshelo.

Fa a bua mo potsolotsong le ba BOPA bosheng, Kgosi Lebang a re mo nakong ya gompieno o na le dikgang tse di beilweng fa pele ga gagwe tse di amanang le botsotsi jo bo dirilweng mo metshelong ya madi.

“Dikgang tse ke tsa madi a a bewang fa ngwaga o simologa kgwedi le kgwedi ka maikaelelo a go a adimisa batho mme ba a buse a na le morokotso.

Fa ngwaga o fela madi a a kgaoganwa ka fa go dumalanweng ka teng,” kgosi Lebang a kaya jalo.

A re metshelo e ne e siame mo dinakong tsa maloba batho ba dirisana sentle.

Kgosi Lebang o tlhalositse fa mo malasting a gompieno bangwe ba bone sebaka sa go ka dira boferefere ka maikaelelo a go tsietsa ba ba nang le bone mo metshelong.

A re go na le manweenwee a a adimang madi mo metshelong mme morago madi ao a pale go boa.

“Se se baka go re yo o adimileng madi a tshelele mo lebelong a iphitlha a tshaba sekoloto go fitlhelela bangongoregi ba mo tsisa fa pele ga lekgotla go kopa thuso,” ga tlhalosa kgosi.

Kgosi Lebang o rotloeditse morafe gore fa ba na le seemo sa tlhaelo ya madi, ba adime kwa makalaneng le mekgatlho e e kwadisitsweng ka fa molaong ka lebaka la gore bone ba rotloetsa go adima mo go lekaneng ba lebile dikamogelo tsa motho e bile ba goga madi mo letloleng la yo o adimile la banka go itsa go nna motho a ngwega a sa dulea kgwedi e fela.

Mongwe wa bomme ba ba mo motshelong wa madi, Mme Patricia Mopati o kaile fa a sale a simolola go dira motshelo le bomme ba bangwe bogologolo a santse a le kwa sekoleng sa ithutelo ditiro.

A re motshelo o ba tlodisitse dinokana di tletse.

“Ke mo motshelong le bomme ba le batlhano le borre ba le babedi mme re ntsha P400 kgwedi le kgwedi re bo re ikadimisa madi ka borona gore re itirele letseno.

Fa re a kgaogana ngwaga o fela a a bo a le magolwane go ka reka tse di tlhokafalang,” Mme Mopati kaya.

O supile fa mo metshelong le fa go sa tshephanwe go tshwanetse go nne le mekwalo e e supang ditumalano gore le ya go dirisana jang gore e seka ya re mo tseleng mongwe a dira maretshwa.

O file bopaki jwa gore fa motshelo o dirwa sentle go sena yo o segagapa ba kgona di le dintsi tse ba di ditlhokang ka nako ya kgaogano madi.

A re motshelo ke tsela nngwe ya go ntsifatsa madi sentle go sena boferefere. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kealogile Diloro

Location : Palapye

Event : Potsoloso

Date : 20 Feb 2019