Moletlo wa ngwao o atlegile
19 Feb 2019
Modulasetilo wa komiti e e rulagantseng letsatsi la go ipelela ngwao kwa sekoleng sa Kanye Brigade Development Centre, Mme Godiraone Sekwati a re o itumeletse ka fa moletlo wa bone o tsamaileng ka teng.
Fa a bua mo potsolotsong morago ga moletlo oo kwa Kanye ka Labotlhano, Mme Sekwati o ne a re ntswa e le la ntlha ba tshwara moletlo o, tsotlhe tse ba neng ba di rulagantse di ne tsa kgonega ka lephata la tlhabololo dikitso le ne la ba thusa ka madi.
O ne a tlhalosa fa ba tlaa tswelela ba ipelela letsatsi leo ngwaga le ngwaga go ruta dikokomane tse di tlang ka ngwao le go e somarela.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Sebati Dikgageng wa kgotla ya ga Sebako o ne a rotloetsa Batswana go tswelela ba tshegetsa ngwao, a tlhalosa fa go le botlhokwa ka jaana go aga motho.
O supile fa Motswana mongwe le mongwe a tshwanetse a itse ditsamaiso tsa Setswana go sa kgatthalesege gore ke wa morafe ofe, ka jalo a rotloetsa banana go ithuta ngwao mo mabutswapeleng.
Kgosi a re meletlo e tshwana le dikgafela e botlhokwa ka jaana e kopanya morafe.
Ka jalo o ne a gwetlha Batswana go tswelela ba rata ngwao le ditso tsa bone.
Fa a amogela baeng, Mogokgo Peter Nakedi o ne a re ba ne ba bona go tshwanela go ipelela go tsosolosa ngwao e le tsela ya go ruta banana.
O tlhalositse fa sekole se na le baithuti ba le makgolo a le marataro ba ba ithutang dithuto tse di farologaneng di tshwana le motlakase le go baakanya dikoloi gareng ga tse dingwe.
Fa a leboga, Mogolwane go tswa kwa lephateng la tlhabololo banana, metshameko le ngwao, Mme Tsietse Balipi o ne a lebogela Kanye brigade go rulaganya moletlo o, mme a ba gakolola gape go akaretsa ba-na-le seabe botlhe mo go somareleng ngwao fa ba ipela ngwaga o o tlang.
A re go botlhokwa gape go kwala ditso di bo di somarelwa ka go isiwa kwa mabolokelong. O ne a kopa sekole go laletsa banni ba motse ngwaga o o tlang gore ba tle ba itumele le bone ba bo ba nne le seabe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoloki Mauco
Location : Kanye
Event : Potsoloso
Date : 19 Feb 2019




