Breaking News

Kgatleng Business Council e kgala thekiso ya lefatshe

19 Feb 2019

Boeteledipele jwa mokgatlho wa Kgatleng Business Council bo kgala thekiso ya ditsha tsa kgwebo, bonno le ditshimo mo go diragalang mo kgaolong.

Ba buile jaana mo bokopanong jwa go lekodisana le go buisana ka kabo ya madi a setshaba ya 2019/2020 bosheng.

E rile a akgela mongwe wa basimolodi ba mokgatlho oo, Mme Oreeditse Pone a re go ngomola pelo go bona banana ba ba tlogeletsweng boswa jwa lefatshe ba fantisa lefatshe kana dithoto di tshwana le dikoloi.

Mme Pone a re ba a amega ka jaana lefatshe leo le neelwa batswakwa, selo se a kaileng se busetsa bogwebi jwa Kgatleng kwa morago ka jaanong bo eteletswe pele le go busiwa ke batswakwa ba ba gwebang ka dilo tse di kabong di dirwa ke beng gae.

A re mokgwa wa go rekisa lefatshe ke sesupo sa go tlhoka tebelopele, e bile ke sesupo sa gore batho ba go nna jalo ba ipiletsa lehuma le tshotlego gammogo le go diga itsholelo le dikgwebo tsa beng gae.

A re banana ba ba tlogetsweng ka dikgwebo kana lefatshe ba ka ikopanya le mokgatlho go kopa dikgakololo tsa go tsosolosa dikgwebo tseo kana go dirisa lefatshe la bone botoka go na le go sianela go le rekisa.

Mme Pone o ne a tlhalosa fa puso le yone e le teng go neneketsa ba ba tlhokang thuso, segolo jang mananeo a bogwebi a a itebagantseng le go thusa banana.

E rile a ba kgwa kgaba, Mokhanselara David Motlhatlhedi a re khansele e lela gape ka leruo le le bolawang ke dikoloi mo ditseleng.

A re thuo le yone ke kgwebo e e ka tswelang ba le batsi mosola, ka jalo a gwetlha setshaba go tsaya kgato go dibela leruo.

Mo go tse dingwe, Rre Motlhatlhedi o ne a akgola maiteko a ba Kgatleng Business Council segolo thata mo go tlhabololeng.

Ka jalo o ne a gwetlha boeteledipele go tlhatlhelela bagwebi ba banana ka tsa go dirisa madi.

A re ba itemogetse fa bontsi bo palelwa ke go dirisa madi a kgwebo sentle; e bile ba tshabelelwa ke go tlogela ditiro di sa wela, selo se a kaileng se senya le go busetsa maiteko a khansele kwa morago...BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kesego Ngwai

Location : Mochudi

Event : Bokopano

Date : 19 Feb 2019