Molaodi o rotloetsa balemi-barui go ititaya ka thupana
19 Feb 2019
Molaodi wa Kgatleng Rre Mompoloki Mochanang o kgothaditse balemi-barui go dirisa lenaneo la phokoletso dituelo la puso go thusa mhama wa temo-thuo gore o seka wa angwa thata ke leuba.
Mo puisanyong le banni ba Artesia bosheng, Rre Mochanang o boleletse balemi-barui gore puso e ntshitse P856 million go dirisiwa mo go fokotseng manokonoko a lehuma morago ga gore baitseanape ba tepo-loapi ba supe gore 2019 ke ngwaga wa leuba.
Rre Mochanang o boletse fa puso e tsere maikarabelo a go rulaganya gore balemi-barui ba reke dijo dingwe le melemo ya leruo le dijalo ka tlhwatlhwa e e fokoditsweng ka selekanyo sa 25 per cent.
A re ditshekatsheko di supile gore leuba le bakilwe ke go tlhaela ga pula gammogo le go gotela ga loapi, mmogo le tse dingwe.
A re dithuso tsa phokoletso ditlhwatlhwa di tlaa emisiwa ka Mopitlo, ka jalo o rotloeditse balemi-barui go itlhaganelela go dirisa lenaneo leo.
O boletse fa go buisantswe le Botswana Marketing Board gore e netefatse gore dijo le melemo di teng mo marekisetsong gore balemi-barui ba kgone go reka ka nako.
“ Go setse malatsi a sekae fela gore go bo go tswalelwa. Rekang dijo le menontshane le fepe leruo le dijalo.”
O ne a supa gore puso e tsaya mhama wa temo-thuo ka tlhoafalo ka gore o botlhokwa mo go ntsheng dijo tse di ka fepang lefatshe.
Rre Mochanang o ne gape a kopa banni ba Artesia go tsaya le go dirisa mananeo a nyeletso lehuma gore ba tokafatse matshelo a bone. O ne a lekodisa banni ka dikgang tse dingwe tse di amang matshelo a bone jaaka ba ne ba di mo roletse e bile ba mo kopile go di sekaseka.
Komiti ya ditlhabololo ya Artesia e ne ya rola pego e mo go yone ba neng ba lebogela ditlhabololo di tshwana le phatlalatso ya motlakase mo motseng.
Mokwaledi wa komiti ya ditlhabologo Mme Mphoentle letsogo o ne a nankola ditlhabololo di tshwana go agwa ga ditsela mo motseng, go baakanngwa ga motlobo wa dibuka le go agwa ga matlo a borutelo le a barutabana a boroko.
Le fa go ntse jalo, komiti e ne ya ntsha dingongorego di akaretsa tlhaelo ya ditirelo tsa boipelego le go diega ga didirisiwa tsa Ipelegeng.
Ba ne gape ba kopa gore ofisi ya boipelego le leobo la kgotla di tsenngwe motlakase.
Rre Mochanang o ne a solofetsa banni ba Artesia gore o tla nna aba lekola go tla go tsaya megopolo le go utlwa matshwenyego a bone nako le nako.
O ne a akgola komiti ya ditlhabologo, a kaya gore ba dira tiro ya bone ka manontlhotlho le fa ba kopana le dikgwetlho.
A re komiti ya ditlhabololo e botlhokwa ka jaana e lomaganya motse le puso gammogo le mhama o o ikemetseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Karabo Molosi
Location : Artesia
Event : Puisanyo
Date : 19 Feb 2019




