Go bopa go ka nowa moro
19 Feb 2019
Tiro ya diatla e mosola ka ke ya botshelo jotlhe e bile motho o ka e fetisetsa kwa go ba ba tswang kwa tlase.
Mme Keseitsheletse Ditshotlo wa kgotla ya Lekgwapheng kwa Molepolole o boleletse BOPA fa go dira ka diatla jaaka go bopa, go le botlhokwa gore motho a e rate, a e dire ka botswapelo ka seo se ka mo isa golo gongwe.
Mme Ditshotlo wa dingwaga tse di masome marataro le bosupa, o tlhalositse fa a sale a simolola go bopa dinkgwana ka 1972, a dirisa kitso e a neng a e anywa mo batsading ba gagwe.
A re e rile a gola a fitlhela mmaagwe a bopa e bile a ba godisetse ka madi a go bopa.
Seo a re se ne sa mo lemotsha bomosola jwa go dira ka diatla mme le ene a inaakanya nago. A re mongwe wa bana ba gagwe le ene o simolotse go bopa go itshetsa le go somarela ngwao.
Mme Ditshotlo a re o na le fa a bayang tlhogo teng, e le fa go gatang dinkgwana tse a di bopang teng.
A re o setse a itsege kwa Molepolole le metse e e mabapi.
E ne ya re 2008 go simolodisiwa dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona tsa bodiragatsi le botaki, a seka a ipona tsapa, a iteka lesego.
A re fa a sale a di tsenelela, o fentse makgetho a le mmalwa a supa fa a ne a ikgapela maemo a ntlha makgetho a le mararo.
Mme Ditshotlo o bile a supa gore letsatsi la bagwebi ba ba botlana la LEA la kgwedi le kgwedi kwa marekisetsong a Mafenyatlala kwa Molepolole le mo fa sebaka sa go ipapatsa.
O kaile fa dinkgwana tsa gagwe di tseneletse dikgaisanyo ka go farologana di akaretsa tsa kgaolo, tsa lefatshe le kwa mafatsheng a mangwe, a tlatsa ka go re nngwe ya tsone e ne ya tsenelela dikgaisano kwa Afrika Borwa ka 2008 mme ya ikgapela maemo a ntlha.
A re lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao le kile la mo isa kwa bokopanong jwa bataki kwa Mozambique ka 2013 go ya go rutana le bataki ba koo.
Mme Ditshotlo a re o rutile banana go bopa kwa Kang, Letlhakeng, Kasane le Maun. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepang Segola
Location : Molepolole
Event : Potsoloso
Date : 19 Feb 2019




