Breaking News

Khansele ya Selebi Phikwe e aba dietsele

18 Feb 2019

Ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Molosiwa Molosiwa o tlhalositse fa khansele ya toropo eo e itumelela ka fa badiri ba yone ba leng tlhaga, boineelo le bopelotelele mo tirong ka teng.

Rre Molosiwa o buile jaana kwa moletlong wa kabo dimpho ya khansele go leboga babereki ba ba dirang ka natla le ka nako e telele mo tirong kwa Selebi Phikwe ka Labotlhano.

O tlhalositse fa khansele ya Selebi Phikwe e tsweletse sentle ka go isa ditirelo kwa setshabeng ka maitlamo a badiri, selo se khansele e boneng go le maleba go se ba lebogela le go se ba kgothaletsa ka go ba abela dietsele.

Rre Molosiwa o kgothaditse badiri go tswelela ba dira ka natla, a ba solofetsa fa khansele e tlaa tswelela ka go ba ema nokeng gore ba kgone go ntsha maduo.

Mookamedi wa banka ya Barclays mo kgaolong ya Legare Mme Kegomoditswe Galeboe o rotloeditse badiri go emelelana le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo tirong gore ba kgone go ntsha maduo.

O tlhalositse fa go palelwa ke go emelelana le dikgwetlho ga mmogo le go di fenya e le nngwe ya dilo tse di dirang gore badiri ba palelwe ke go ntsha maduo mo tirong.

Mme Galeboe o boletse fa go nna boineelo le bopelotelele mo tirong go ka thusa modiri gore a nne tlhaga mo tirong.

A re badiri ba tshwanetse go nna le tumelo le tshepho mo tirong gore ba tswelele ba le tlhaga.

O ne a gakolola baeteledipele ba maphata a khansele go nna sekao mo go ba ba eteletseng pele gore ba kgothatse badiri go nna tlhaga.

Mme Galeboe o tlhalositse fa moeteledipele a tshwanetse go ipelafatsa ka ditiro tse dintle tse a di dirileng mo tirong ya gagwe.Ends

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : SELEBI PHIKWE

Event : moletlo wa kabo dimpho

Date : 18 Feb 2019