Breaking News

Rre Matlou o itshetsa ka go tshwara ditlhapi

18 Feb 2019

Batswana ba le bantsi ba tsweletse ka go iphataphatela.

Se se supilwe mo puisanyong bosheng ke Rre Boiki Matlou go tswa Malolwane, yo o tlhalositseng fa a tshwara ditlhapi mo nokeng ya Madikwe go tswa kwa Mmathubukwane go ema kwa Ramonaka.

A re gape o di tshwara mo nokeng ya Limpopo kwa Oliphant Drift le Ramotlabaki.

Rre Matlou o boletse gore lerato la gagwe mo tlhaping le ne la dira gore a simolole go tshwara ditlhapi mo dinokeng tse.

A re o ne a simolola kgwebo ya go tshwara ditlhapi ngwaga tse di lesome morago ga go reka mokoro mo monning mongwe wa Mochudi.

A re ka ditlhapi tse di mo dinokeng tse di se dintsi go le kalo jaaka mo dinokeng tse di tshwanang le tsa Chobe le matamo a matona, o kgona go tshwara ditlhapi mme a di rekisetse batho ka bongwe ka bongwe.

O kaile fa bontsi jwa batho ba di reka ka ditlhwatlhwa tsa gagwe di se kwa godimo.

A re madi a kgona go mo thusa go reka tse a di tlhokang kwa lwapeng, mme se se mo fe kgothatso ya gore a nne a tswelele.

Rre Matlou o tlhalositse fa a na le keletso ya go ka rekisetsa ba dikgwebo mme ka mabaka a gore ga a na ditlamelo tse di siameng gape le gore ditlhapi ga di dintsi thata, maiteko a santse a pala.

O kaile fa nako dingwe fa batho ba tsile go iphokisa phefo fa nokeng, ba tle ba palame mokoro wa gagwe ntleng le dituelo.

A re o na le toro ya go ka tswakanya kgwebo ya gagwe ka go reka mokoro o motona o a ka kgonang go pega batho ba le bantsi, mme a itebagantse le go pega bajanala.

O tlhalositse gore bontsi jwa batho ba simolotse go lemoga fa dinoka tsa Madikwe le Limpopo kwa Oliphants Drift di na le mafelo a a kgatlhang leitlho, ka jalo se se ka mo thusa fela thata.

Mo go tse dingwe, Rre Matlou o boletse fa a na le khamphani e e bidiwang Fish and Veggies e a e tlhamileng dingwaga tse di lesome tse di fetileng.

A re o na le tshingwana ya morogo kwa Ramotlabaki kwa a lemang merogo, mme a e rekisetsa batho ka bongwe ka bongwe.

O kaile fa gantsi a batla badiri ba nakwana go mo thusa mo tshingwaneng, bogolo jang fa go na le tiro e ntsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boago Molwane

Location : MMATHUBUDUKWANE

Event : puisanyo

Date : 18 Feb 2019