Ba Kweneng le Boatlaname ba amogela dipolase
18 Feb 2019
Banni ba metse ya Kweneng le Boatlaname mo kgaolong ya Kweneng ba amogetse pego ya go segwa ga dipolase tsa kgwebo tse di tlaa simolang go bewa kwa dikgaolong tseo ka Phatwe.
Banni ba mafelo ao ba amogetse pego e e neng e rolwa ke modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Kweneng, Rre Moemedi Babitseng mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng eo.
Rre Moemedi Babitseng o tlhalositse ka thulaganyo ya go segwa ga dipolase tse di masome mabedi le borobabobedi, tsa diekere tse di lekgolo go ya go makgolo a matlhano ka tshwaragano le lephata la tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo.
Thulaganyo e e ya go dirwa mo dikgaolong tsa Kweneng le Boatlaname.
A re thulaganyo eo, ke e maikaelelo magolo a yone e leng go tokafatsa le go tlhabolola seemo sa go ntshiwa ga dijo, gore Botswana a kgone go ikemela le mo dipakeng tsa komelelo.
Rre Babitseng o ne a tlhalosa gape ka lefatshe la bophara jwa di ekere tse di makgolo a ferang bobedi tse di tlaa seegelwang thoko go diirisiwa ya morafe wa dikgaolo tseo, fa balemi ba dipolase bone ba tlaa bo ba le mo kgwebong.
A re kgaolo ya Kweneng ke nngwe ya tse di tlhophilweng go itebagantswe le go thusa go ntsha thobo e e kwa godimo ya lesika la mabele le dinawa go ka itshetlela mo mabakeng a seemo se se sa iketlang sa loapi.
“Fa lefatshe le ntse le tlhabologa, le kgaoganngwa ka tiriso, dikgaolo tsa Bophirima di tlaa tlhophelwa go itebaganya le thuo, fa tsa botlhaba di akaretsa Kweneng, e tlaa nna tse di itebaganyang le temo go tokafatsa seemo sa dijo tse lefatshe leno le ka di itirelang go oketsa thobo ya Mosisidi le Pandamatenga, tse di tlwaelesegileng ka serodumo sa temo,” ga bua Rre Babitseng.
Banni ba ne ba atla thulaganyo eo ka go supa fa ba lebogela gore e tlaa thusa go ba atameletsa ditlamelo tse di tlaa thusang gape go ba bulela diphatlha tsa mebereko.
Ba ne ba supa fa ba na le tsholofelo ya gore itsholelo ya kgaolo ya bone e tlaa tokafala ka jaana go tlaa thusa gape go godisa lorato lwa bone lwa go inaakanya le temo.
E re le ntswa batho ba Kweneng le Boatlaname ba ne ba lebogela lenaneo leo, banni bangwe ba ne ba supa fa ba le ’bete se molangwana ka keletso ya gore go kabo go seegetswe e le nngwe fa thoko go rotloetsa morafe go e dirisa mo thuong ya dihutshane.
“A thulaganyo e e nne e e ka fang banana sebaka sa go itepa lesego ka go dira gore phadisanyo e nne mo go rona ba metse e e yang go amega mo thulaganyong ya go segwa ga dipolase pele ga e atolosediwa kwa go botlhe,” ga ikopela Mme Seanokeng Ntsoke.
E rile a tsibogela matshwaenyego a morafe, Rre Babitseng a re lekgotla la kabo ditsha le mo thomong e e setseng molao morago, ntlha e e tlaa padisang go fetola ditshwetso tsa ka fa thulaganyo e ntseng ka teng go sala morago dikeletso tsa morafe.
O rotloeditse botlhe ba ba nang le keletso ya go rua go nna malala a laotswe ka jaana go segilwe dipolase tsa mohuta oo gape kwa Motokwe le Khekhenye tse tsone di tlaa bong di itebagantse le kgwebo ya leruo.
“Ke rotloetsa gore ba ba nang le tshusumetso mo nngweng ya dithulaganyo tseo ba seka ba ipona tsapa, mme ba tsenye letsogo go ya ka bokgoni jwa bone le go ipopa ditlhopha.
O tlhlositse fa ikopelo e tla bulelwa ka Phukwi mme go bewe ka Phatwe.Ends
Source : BOPA
Author : Gosaitse Ditsele
Location : KWENENG
Event : diphuthego tsa kgotla
Date : 18 Feb 2019




