Ba Phikwe ba tshwenngwa ke modumo o o utlwalang ka fa tlase ga lefatshe
18 Feb 2019
Banni ba Selebi Phikwe ba ikaelela go isa ngongora ya bone mabapi le modumo o o kitimetsang ka fa tlase ga lefatshe mo toropong ya bone mo malatsing a a sa fediseng pelo.
Fa ba bua mo phuthegong kgwedi ya Tlhakole ele 15, banni ba re ba ngongorwa bogolo segolo ke go bo go sena ope yo o ba tlhalosetsang gore go diragala eng.
Rre Julius Monindwa o supile fa a tshwenyegile ka modumo o o tsweletseng ka go roromisa toropo ya Phikwe ntswa mokoti wa BCL o tswetswe.
A re modumo wa go nna jaana ne o tlwaelesegile ka nako ya mokoti o bereka mme o bakwa ke go thuntshiwa ga matlapa ka dinako tse di rileng e bile go itsesitswe batho fa go tlaa thuntshiwa.
A re se se gakgamatsang ke gore modumo o o diragala nako nngwe le nngwe le gare ga bosigo tota.
Rre Michael Mpatisang a re o nna fela ka letshogo gore toropo e ka nna ya wela, a ngongorega gore go lebaka thoromo e e tsweletse mme go sena ope wa boeteledipele yo o tsereng boikarabelo jwa go tlhalosetsa banni ba Phikwe gore go diragala eng.
A re ga go a siama gore banni ba Phikwe ba ikgatholose se se diragalang ka gore matshelo a bone a ka tswa a le mo diphatseng.
Batsadi le bone ba tshwenyegile gore thoromo e e tsenya bana tsebetsebe.
Mme Molly Kgwefane a re bana ba sekole ga ba kgone go ithuta sentle ka ba nna ka letshogo gore toropo e ka nna ya wela.
Rre Obonye Gabathusi o kopile banni ba Phikwe go nna seopo sengwe mme ba ise ngongora ya bone kwa pusong go bo e ikgatholositse matshosetsi a thoromo.
A re e le banni ba Phikwe ga ba eletse gore go direge sengwe se se sa siamang e be e le gone puso e tsayang kgato.
O kopile banni go gololesega go tsenea diphuthego gore ba kgone ba ntshe megopolo, a tlhalosa fa phuthego e e sa amane gope le sepolotiki le fa e le go tswalwa ga mokoti wa BCL.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Leseding Mme Phemelo Nthwane a re thoromo e e bakile gore ntlo ya gagwe e ranyege.
A re ga se ene fela yo ntlo ya gagwe e amegileng mme a kopa gore puso e emele seemo se ka dinao go tila gore tshenyo e kekele. ENDS
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : phuthego
Date : 18 Feb 2019




