Breaking News

Kgosi o kgothatsa banana go le aramela

18 Feb 2019

Kgosi Kenatje Kandapaera wa Toteng o boletse gape fa go bulwa ga moepo wa kopore wa Khoemacau mo motseng oo go tlaa ngoka batho ba le bantsi; bangwe ba tla ka go batla ditiro fa bangwe ba batla go bula dikgwebo.

Ka jalo o ne a kgothatsa banana ba motse go fetola boitsholo jwa bone fa e le gore ba batla go akola maungo a moepo o.

“Fa banana ba rona ba ka supa boikarabelo ba tlaa akola maungo a moepo o, ka gore re le ba bogosi re  kopile ba moepo oo gore fa ba hira, ba lebe pele banana ba motse le metse e e mabapi”, ga bua Kgosi.

O boletse fa a sa jesiwe dilwenag ke dikgang tsa botlhoka tsebe jwa banana, a re gantsi ba amega mo bogodung, dititeo le botagwa.

O ikuetse jalo mo potsolotsong bosheng, a supa fa banana ba tshwanetse go itse fa e le  baeteledipele ba kamoso, ka jalo a ba gwetlha go ikgapha mo mekgweng e e ka ba senyetsang bokamoso.

A re ba tshwanetse ba supa boikarabelo ka go tsaya karolo mo go tlhabololelng motse.

A re boitshwaro jo bo makgasa bo ka leleka babeeletsi mo motseng le ntswa ba ne ba ka solegela banni molemo le gone go tlhabolola itsholelo ya motse.

Kgosi o ne a bua gape ka bangwe ba ba tlang go batla ditiro a re go lemotshegile gore bangwe ba felela ba inaakanya le ditiro tsa botlhoka tsebe.

Kgosi Kandapaera o kaile fa ba le mo lenaneong la go bitsa phuthego ya kgotla e maikaelelo a yone e leng go bua le banana ka boitsholo jwa bone pele ga moepo o bulwa.

O supile fa ba kopile gore moepo o ba thuse go aga phaposi ya pelegiso kwa kokelwaneng le gone go baakanya tsela e e ralalang motse, a tlatsa ka go re ba solofela fa dikopo tsa bone di tlaa atlega. Ends

Source : BOPA

Author : Uzeuavi Mbeva

Location : TOTENG

Event : Potsolotso

Date : 18 Feb 2019