Twantsho borukutlhi e tlhoka tshwaragano
17 Feb 2019
Mothusa mookamela mapodisi a Palapye, Assistant Superintendent Maimane Phele a re ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go tshwaragana le mapodisi go lwantsha borukutlhi go sireletsa lefatshe.
O buile jalo mo puthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mapodisi kwa kgotleng ya Serorome kwa Palapye bosheng.
Rre Phele a re ditharabololo tsa borukutlhi di mo setshabeng ka go bo sepodisi se ntshitse mananeo a a fang setshaba dithata tsa go lwantsha borukutlhi mo dikgaolong tsa bone.
O kaile fa borukutlhi bo ka fenngwa fa mongwe le mongwe a ka tsenya letsogo go bo lwantsha.
A re tsamaiso ya Setswana e ka dirisiwa mo malwapeng go lwantsha botlhokatsebe jwa bana, a kaya fa nako dingwe go le thona gore batsadi ba biletse ngwana yo o duleng mo tseleng mapodisi go na le go kgalema.
Rre Phele a re batsadi ba ka tshwaragana le dikgosi, bagolo ba motse le bommaboipelego go kgalemela bana ba ba inaakantseng le borukutlhi.
O kaile fa go ngomola pelo go bo bokamoso jwa bana bo senyega ba sale bannye e bile ditoro tsa bone di felea di phirima ka ntlha ya borukutlhi.
A re bangwe ba bana ba supa fa ba inaakantse le borukutlhi ka go bo ba sotlega, selo se a reng ke legotlho fela le le senang lepele le lemorago ka go bo goromente a ntshitse mananeo a ba ka a dirisang go fetola matshelo a bone.
Rre Phele a re borukutlhi bo tshwana le go utswa, go thujwa ga matlo le mabentlele go utswiwa dithoto, go thukutha ka dikgoka, polao, go tshosetsa go bolaya le bogodu jwa leruo le e tsweletse ka go golela pele.
Rre Phele a re ngwagatlola ba gatisitse melato ya polao e roba bongwe fa ngogola ba gaitsitse e le lesome le bobedi mme a supa gape fa ba gatisitse melato ya go thujwa ga mabentlele e le masome a marataro le borataro ngwagatlola fa ngogola ba ne ba gatisa e le masome a supa le bobedi.
A re mo dingwageng tse pedi tse di fetileng ba gatisitse melato e le makgolo a mabedi, masome a marataro le bone ya bogodu jwa leruo.
O kaile fa ba itemogetse gore go na le batswakwa ba ba nnang mo Palapye e se ka fa moalong, a supa fa bangwe ba bone ba amega mo dikgannyeng tsa borukutlhi.
A re bangwe ba banni ba Palapye ba rotloetsa borukutlhi ka go bo ba hirisetsa batswakwa mme e bile bangwe ba ba thapile mo malwapeng a bone ntswa ba itse gore ga ba na dipampiri.
Rre Phele a re dikgang tsa kgokgontsho le tiriso bana mo go tsa tlhakanelo dikobo ke dingwe tsa dikgang tse di sa jeseng diwelang, a supa fa gangwe le gape ba begelwa dikgang tsa kgokgontsho kwa malwapeng.
A re bangwe batsadi ga ba tlhokomele bana,selo se se feletsang se baka gore ba dirisiwe botlhaswa.
Fa a tswa la gagwe, mogokaganyi wa setshaba le mapodisi, Rre Baboloki Machacha a re bangwe batsadi ba rotloetsa borukutlhi ka go bo ba dirisa dilwana tse di utswilweng ke bana mme e bile a supa fa go na le bangwe ba ba rekang dithoto tsa bogodu.
Rre Machacha o ne a kopa setshaba go nna podimatseba, a kaya fa manweenwee a tsweletse ka go tsietsa batho kwa mafelong a tshwana le mabentlele, a kaya fa bangwe ba dirisa maranyane a facebook ba supa fa ba rekisa dithoto dingwe mme kwa pheletsong ba amoge setshaba madi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebalang Ditlhobolo
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Feb 2019




