Breaking News

Kgosi o tshwenngwa ke ditiro tse di bosula

17 Feb 2019

 Mothusa Kgosi wa Batlokwa, Kgosi Michael Gaborone o boletse fa a sa jesiwe diwelang ke dingwe tsa ditiro tse di diragalang mo motseng wa gagwe di akaretsa bogodu jwa leruo le motlhaba le go rekisa ditsha. 

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla ya Botshabelo bosheng, Kgosi Gaborone a re bogodu jwa leruo bo bakwa ke bangwe ba banni ga mmogo le batswakwa, a bolela fa mo mabakeng a le mantsi magodu a leruo a utswela go rekisa, mme ba boe ba utswele bone gape ba ba ba rekiseditseng. 

O ne a tlhalosa fa a tshwenngwa gape ke bogodu jwa motlhaba jo bo diragalang bosigo, a kaya fa bo golela pele, e bile bo senya motse ka go sala go le dikhutikhuti. 

Kgosi Gaborone o ne gape a kgala a sa kgwe mathe mokgwa o o tsweletseng wa go rekisa ditsha, masimo le mekgoro ga Batlokwa, a re se ke go rekisa mabitla a batsadi ba bone. 

A re gape Batlokwa bangwe ba ngatha digotlo tsa bone go di rekisa, a re se se felela se tsala dikgotlhang, a tlhalosa fa go le botlhokwa go somarela lefatshe ka jaana go ka thusa go tila go tlhoka bonno. 

Kgosi Gaborone o ne a kopa Batlokwa go ema ka dinao, go thusana le ba bogosi go kgala ditiragalo tse di bosula tse di diragalang kwa Tlokweng. 

O ne a bolela fa masula a, a ba gwetlhile go bitsa phuthego e tona Mopitlo a tlhola malatsi a roba bongwe kwa kgotleng kgolo ya Batlokwa, e e tlaa itebaganyang le go lwantsha seemo sepe fela se se duleng mo taolong mo motseng. 

O ne a tlhalosa fa phuthego eo e tlaa tsenwa ke morafe le dikereke. 

E rile ba mo kgwa dikgaba, banni ba kgotla ya Botshabelo ba supa fa ba dumalana le ene gore ba tshwanetse go emela diemo tse ka dinao. 

Ba ne ba kopa Kgosi Gaborone go potlakela kopo ya bone ya go ba batlela kgosana ka jaana go se na yo o reetsang matshwenyego a bone. 

Banni ba ne ba ntsha matshwenyego a tshwana le a dikereke tse di lalang di tsositse medumo bosigo, ba re se se kgoreletsa le bana ba sekole. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kelebogile Taolo

Location : TLOKWENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Feb 2019