Breaking News

Masisi o akgola nyeletso lehuma

17 Feb 2019

 Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o iteetse legofi lenaneo la Nyeletso Lehuma kwa ditshupong le kaloso ya ba ba thusitsweng ka lenaneo leo mo Gaborone ka Labotlhano.

E rile fa a simolodisa semmuso ditshupo tseo a bolela fa puso e ikaelela go tokafatsa lenaneo go tlhomamisa gore ba ba thusitsweng ka lone ba fitlhelele mebaraka e megolo mo Afrika le lefatshe ka bophara.

Tautona Masisi a re tumalano e lefatshe la Botswana le e beileng monwana ya African Free Trade  Area e tlaa dira gore bagwebi ba mo gae go akarediwa le ba ba thusitsweng ka lenaneo la Nyeletso Lehuma ba nne le seabe mo go rekisetseng mebararaka ya batho ba le 1.3 billion  ba ba mo mafatsheng a a dirileng tumalano eo. 

A re lenaneo la Nyeletso Lehuma ke maitlamo a magolo a puso go nyeletsa lehuma la nta e tshetlha mo Batswaneng ka kakaretso.

“Re le puso re ne ra bona gore pharologanyo mo go ba ba kgonang le ba ba sa kgoneng e se ka ya nna e e tlontlololang, ka jalo ra thusa Batswana ba ba dikobo dikhutshwane gore ba kgone go itirela.”

Tautona Masisi a re puso e ikaelela go atolosa lenaneo gore le kgone go akaretsa batho bangwe ba mo nakong eno ba sa kgoneng go le akola ka ntlha ya melawana le ditsamaiso tse di dirang gore bangwe ba tswalelwe kwa ntle, mme tota ba lebanwe ke go thusiwa.

Lenaneo la Nyeletso Lehuma le simolodisitswe ka 2011, mme go fitlha jaana le nnile le dialogane di le 2 094 e le palo ya ba ba setseng ba itshupile, ka jaana lenaneo la go kwadisa ba ba alogileng le santse go tsweletse.

Lenaneo le, le atlegile mo dikgwebong di le 26 000, mme tsa kgona go tlhama mebereko  ya batho ba le  28 635, fa madi a a dirisitsweng e le P1.2 billion fa le sale le simolodisiwa ka 2011.

Tautona o kopile puso, bagwebi  le maphata a a ikemetseng gore ba reke dilwana le go dirisa ditirelo go rotloetsa bagwebi ba Nyeletso Lehuma gore ba kgone go tlhamela Batswana  mebereko.

Le fa go ntse jalo, Tautona Masisi o rotloeditse ba-na-le seabe mo lenaneong la Nyeletso Lehuma go netefatsa gore dikgwebo tsa bone ga di phutlhame ka go tsaya malebela mo go ba bangwe le go kopa bogakolodi kwa bodireding ga mmogo le go ipega fa dikgwebo di phutlhama. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : GABORONE

Event : Ditshupo

Date : 17 Feb 2019