Kelebile o rotloetsa banana go itshetsa ka talante
17 Feb 2019
Rre Ogorogile Kelebile wa Thamaga o gwetlhile banana go supa bokgoni jwa bone jo ba ka ishetsang ka jone.
Rre Kelebile wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano mme a itsege ka leina la Modubathankga mo bodiragatsing jwa poko, o ne a bua mo puisanyong le BOPA.
O tlhalositse gore ke mongwe wa banana ba ba inaakantseng le poko go tsosolosa ngwao ga mmogo le go itshetsa.
Ka jalo a re ke yone tiro ya gagwe mo nakong ya gompieno ka a sena kwa a dirang teng.
A re ka a goletse kwa masimo o ne a rata go reetsa dipina le maboko mo seromamoweng sa Botswana mme ya re nako e ntse e tsamaya a nna le lorato mo mabokong.
Modubathankga a re poko ke selo se se tlhokanang le ithuthuntsho e e tsepameng gammogo le go tlhopha mafoko gore a tsamaelane le se o buang ka sone ka nako eo gore go nyalane.
A re fa mafoko a sa nyalane sentle leboko la teng le nna bosula.
A re fa o le mmoki o tshwanetse wa ithuta Setswana ka go reetsa baboki ba pele.
O tlhalositse gore leboko le natetshiwa ka moopelo o mosesanyane kgotsa ka mogolokwane gore o kgwe setshwe ga mmogo le go kolobetsa magalapa.
Modubathankga a re dikgaisanyo di tshwana le tsa dikgaolo le tsa malatsi a ga tautona di godisa badiragatsi ba ba botlana ka ba nna le sebaka sa go ithuta mo go ba bangwe ga mmogo le go abelana maele.
A re ba ba fentseng ba tia moko mme ba ba sa dirang sentle ba nna le sebaka sa go ya go ipankanya ba lebeletse diphoso sa bone.
O tlhalositse gore nngwe ya diphitlhelelo tsa gagwe tse di tona ke go boka molelo wa kgolagano ka 2016 kwa Thamaga.
Le fa go ntse jalo, a re o kopana le dikgwetlho di tshwana le go duelwa matsana fa a diragatsa ka gore bontsi jwa batho ga ba ise ba lemoge gore poko mo malatsing ano e dirisiwa go itshetsa.
Modubathankga a re maikaelelo a gagwe ke go fetsa buka ya poko e a santseng a e kwala, mme e re morago a e rekise.
O tlhalositse gore o ithaopile go ruta bana ba dikole tse dipotlana le tse dikgolwane kwa Thamaga Setswana ka a re o lemogile gore bana ka bontsi Setswana se a ba palelala.
A re dithuto tseo o di direla kwa motlobong wa dibuka wa motse ka nako ya dikole di dule.
O kopile batsadi go ema bana ba bone nokeng fa ba supa kgatlhego ya go dirisa ditalente tsa bone go itshetsa.
A re seo se dira gore ba tie moko ka nako tsotlhe, ka motsadi e le seikokotlelo sa ngwana mongwe le mongwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : THAMAGA
Event : Posolotso
Date : 17 Feb 2019




