Breaking News

Tiriso botlhaswa ya bana e a kekela

17 Feb 2019

Mapodisi a bomme ba mokgatlho wa Women Network kwa Palapye ba re ba tshwentswe ke go golela pele ga dikgang tsa tiriso mo tlhakanelong dikobo ya bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobobedi.

Modulasetilo wa mokgatlho oo Sergeant Vivian Kolane o kaile fa mo kgweding ya Hirikgong go setse go kwadisitswe dikgang tsa tiriso botlhaswa ya bana mo tlhakanelong dikobo di le thataro.

A re ngwagatlola ba gatisistse dikgang tsa go nna jalo di le masome mabedi le botlhano mme tsa tlhatlogela kwa go masome mane le bobedi ngogola.

Sergeant Kolane, yo o neng a bua kwa moletlong wa go abela sekole sa Goosemama sa Gootau melora le mesangwana ya basetsana bosheng, o kopile batsadi go begela mapodisi dikgang tsa tiriso ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo, a re e re ntswa segajaja se se tsweletse ka go kekela, batsadi bangwe ba bipa mpa ka mabele.

A re nako dingwe dikgang tsa tiriso ya bana mo tlhakanelong dikobo e abo e le malomatsebe mme e re ba re ba a di tlhotlhomisa, e nne phitlhela kgomo ya serotswana.

Sergeant Kolane a re gantsi borre ba oka bana ka dilo tse di ka ba kgatlhang mme ka tlhaloganyo ya bongwana le go tlhoka boikarabelo, bana ba felele ba dumalanye go tlhakanela dikobo. 

A re go dirisa bana jalo ke go ba senyetsa bokamoso, a kaya fa tlhakanelo dikobo e ba itaya tsebe mme kwa phelelong ba tlhoke go dira sentle mo dithutong. 

Ka dimpho, Sergeant Kolane o rile go aba ke maikaelelo a mokgatlho wa Women Network, a supa fa a mangwe e le go tsaya karolo mo ditirong tsa bopelotlhomogi le go atumela setshaba.

A re e le maloko a mokgatlho mo kgaolong ya Palapye, ba ne ba itlhophela go diragatsa letshego lengwe la tebelopele ya 2036 e leng go tlhabolola motho le go mo fa seriti, a kaya fa ba tlhaloganya gore itsholelo ya batho ga e lekane, ke ka moo ba bonyeng go lebanye go thusa baithuti ba sekole seo.

“Jaaka e le kgwedi ya lorato, re tsile go abela le go fa baithuti ba Goosemama lorato mme e bile re ba gakolola ka borukutlhi jo bo ka ba amang,” a tlhalosa jalo. 

Sergeant  Kolane o rile bomme ba mapodisi ba leka go supa gore tiro ya bone ga se go tshwara badira-molato fela mme setshaba se ka kopa dithuso mo go bone fa ba na le letlhoko. 

Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Rre Patson Maele o ne a lebogela dimpho mme a supa fa di tlaa abelwa baithuti ba ba nang le letlhoko.

A re mpho nngwe le nngwe e ba e amogelang mo sekoleng e ka ba thusa go tokafatsa maduo ka baithuti, batsadi le barutabana b a tia moko.BOKHUTLO

 

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : GOOTAU

Event : Kabo dimpho

Date : 17 Feb 2019